Breaking News

Tsela e tlaa dirwa ka ESP

18 Jan 2016

Mopalamente wa Shashe Bophirima, Rre Fidelis Molao, a re tsela e e tswang kwa motseng wa Mosetse e ralala Lepashe e ya Matsitama e tlaa dirwa.

Tsela eo, e e dikhilomithara tse di masome matlhano le bongwe, ke nngwe ya tse di solofetsweng go dirwa ka lenaneo la go rudisa itsholelo la Economic Stimulus Programme (ESP).

Rre Molao, yo e bileng e le mothusa tona wa thuto le tlhabololo dikitso, o buile jalo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Matsitama ka Labotlhano.

A re lenaneo leo le le tlaa tsayang dingwaga tse tharo, le tlaa bo le itebagantse le go fefosa mananeo a a neng a le mo ditogamanong tsa ditlhabololo, a a neng a le mo thulaganyong gape a sekasekilwe mme a seegelwa fa thoko ka nako ya kwelo tlase ya itsholelo.

O ile a tlhalosa fa thata thata le tlaa bo le itebagantse le mohama wa tsa botsogo, bojanala tsa ditsela le ditlhabololo tsa selegae.

A re ka fa ditseleng, go tlaa dirwa ditsela tse dikhutshwane fela tse di akaretsang le yone ya Mosetse-Matsitama tota.

O tsweletse a tlhalosa fa go na le tlhaelo ya matlo a boroko jwa barutabana, e e tsamayang kwa diketeng tse tlhano mme go solofetswe fa e tlaa re dingwaga tse tharo tsa ESP di wela ka ngwaga wa 2019 ka Mopitlo, e bo e le mangwe a mananeo a a tlaa bong a dirilwe.

Rre Molao a re kokelwana ya Matsitama e tlaa godisiwa go nna kokelo mme go tlaa bo go akareditswe le didirisiwa tsa yone le bodiredi.

Mo  go tse dingwe, o ile a rotloetsa banni bao go reka diabe tsa kompone ya megala, a re go reka diabe go na le dipoelo, a gatelela ka gore ba seka ba tsaya gore ke dilo tsa batho ba ba nnang kwa ditoropong fela le bone ba itse fela gore mongwe le mongwe o kgona go di reka.

O ne a ba kgothatsa ka gore go tshwana fela le metshelo e ba tlholang ba e dira e e reng bofelong jwa ngwaga ba bone sengwe, mme a re ba ka rekisa potsanyane kana kgongwana motho a e ithekela diabe.

Rre Molao o ne a bolela fa ngwaga wa 2016 e le o o faphegileng ka Batswana ba tlaa bo ba wetsa dingwaga tse di masome matlhano ba ipusa.

Mongwe yo o neng a tsene phuthego, Rre Philip Makale a re puso e ntsha mananeo a yone a le mantle otlhe mme selabe se tla le motsaya kgamelo.

Rre Makale a boletse fa ba na le dingwaga tse tharo ba kopile go agelela masimo a bone ba le setlhopha, le jaanong ga ba ise ba bone thuso fa e se go isiwa kwa le kwa fela

Banni ba ne ba lebogela mananeo a a tlaa dirwang ka thulaganyo eo ya ESP ba supa fa ba tlaa nna le sebaka sa go ka bona mebereko.

Rre Molao o ile a tlhalosa fa lenaneo leo le beilwe leitlho ke balaodi mme go na le matona a a le tsamaisang, a re tsholofelo ke gore dithulaganyo tsa lenaneo leo di tsamaye sentle jaaka di rulagantswe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Matsitama

Event : Phuthego Ya kgotla

Date : 18 Jan 2016