Breaking News

Makgotla a Setswana a lebetswe-Kgosi Maele

18 Jan 2016

Kgosi Maele Maele wa Gootau a re o na le matshwenyego a gore lephata la dikgaolo le tlhabololo magae le lebetse makgotla a Setswana.

Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke tona wa ditsha le matlo Rre Prince Maele kwa Gootau, Kgosi Maele o boletse fa letlhoko le lentsi la didirisiwa le go kabong go le motlhofo go di bona di tshwana le dipampiri tsa ofisi, dipene le paakanyo ya diofisi di saletse kwa morago mo kgotleng ya gagwe le dikgotla tse dingwe mo kgaolong ka bophara.

A re go na le sebaka se se leele thata sa dingwaga diofisi tsa gagwe tsa kgotla di sa sekegelwe tsebe mo go tse e di kopang ka jalo go supa fa mongwe golo gongwe yo o lebaneng le makgotla a Setswana a sa dire tiro kana a sa dire sengwe sentle.

Kgosi Maele a re bontlha bongwe jwa marulelo a diofisi tsa gagwe bo na le sebaka se se leele bo kukeditswe ke diphefo mo ngwageng o o fetileng mme le mo nakong eno ga go ise go tsibogelwe gore go baakanngwe mme ba ba lebaneng ba itse ka kgang ya teng.

O supile fa le mo nakong eno go sena tsholofetso ya gore tse di lopilweng di tlaa tsibogelwa kgotsa jang. 

A re koloi ya kgotla ya gagwe le yone e ne ya tsaya sebaka se se leele e santse e senyegile mme e rile e sena go baakanngwa ya boa gape ya nna le bothata ka jalo seo se emisitse ditiro tsa kgotla.

Mo go tse dingwe Kgosi Maele o ne a lela ka kompone ya metsi ya Water Utilities Corporation a bolela fa e ja Batswana ntsoma. A re mo nakong e e fetileng ba ne ba lela ka kanamo ya metsi mme fa ba itumela jaanong kanamo ya metsi e nna botoka dilo di fetogile jaanong ba duela dituelo tse di kwa godimo tsa metsi.

A re banni ba tshela fela ka go ipotsa gore madi a a kwa godimo a dituelo tsa metsi a bakwa ke eng ka bangwe ba nna ba le nosi fa bangwe ba nna nako e ntsi ba seyo mo malwapeng a bone.

O boletse fa ba kompone ya metsi ba seke ba nna le tlhaloso e e lolameng ya gore ke eng dituelo tsa metsi di ile kwa godimo. 

O tlhalositse fa badiri bangwe ba metsi ba tlhalositse fa ba kgona go abelela fela gore metsi a lopile bokae fa ba sa romela batho ba ba balang metsi mme seo se ba direla bothata ka ba felela ba duedisiwa madi a mantsi.

Mongwe wa banni ba motse wa Gootau Rre Tshokologo Dineo o ne a bolela fa ba kompone ya metsi ba tla kwa motseng wa bone gore banni ba kgone go duelela metsi mme ka nako ya ngwaga o fela go iwa malatsing a botsalo jwa Morena Jeso ba sa tle mme e re ba tla fa ngwaga o simologa ba bo ba tla fela ka go kgaola metsi.

O tlhalositse fa ba koporase ya metsi ba kgaola metsi fela le fa banni ba ba tlhalosetsa gore ba tshwere madi mme ba ne ba ba letetse gore ba tle ba ntshe dituelo.

Fa a tsibogela dikgang tseo, Rre Maele o ne a itsise banni fa ba itemogetse fa dikgang tsa makgotla a Setswana di le teng e bile di aname lefatshe leno ka bophara ka jalo tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber Tsogwane a setse a di itsisitswe mme o tlaa di tsibogela. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Gootau

Event : Phuthego Ya kgotla

Date : 18 Jan 2016