A molao o tlotlwe Butale
18 Jan 2016
Mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Biggie Butale, o gateletse botlhokwa jwa gore melao ya lefatshe leno e tlotlwe ke botlhe.
Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Jackalas 1 ka Labotlhano, Rre Butale o ne a tlhalosa fa melao e diretswe go sireletsa lefatshe, ka jalo go le botlhokwa gore Batswana ba e tlotle e bile ba seka ba rotloetsa go tlolwa ga yone.
Mopalamente o ne a fetola mafoko a banni bangwe ba motse oo a gore puso e emise go busetsa batswakwa ba ba tseneng mo lefatsheng leno e se ka fa molaong kwa magabone fa go tlhomamisegile fa ba sa tla ka maikaelelo a go inaakanya le borukutlhi.
O ne a supa fa go letlelela batswakwa ba go nna jalo go tsena le go nna mo lefatsheng le go rata le go kgona e tlaa bo e le go ithala ka thipa mpeng ka jaana go tlaa seke go nne bonolo go tlhomamisa gore mo go bone ke ofe yo o tlaa felelang a amegile mo borukutlhing.
E ne e rile a lekodisa mopalamente ka tsa ditlhabololo tsa motse, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Obert Sechele, a supa fa go busediwa gae ga batswakwa ba ba tseneng mono e se ka fa molaong e le tshenyo ya diketekete tsa madi a puso.
Rre Sechele o ne a supa fa go ngomola pelo go bo puso e dirisa madi a a seng kana ka sepe go dira jalo, mme e re mo nakong e khutshwanyane batho bao ba bo ba setse ba boetse mono gape.
A re mo boemong jwa go ba rwala ka ditshenyegelo tsa puso go ba busetsa kwa mafatsheng a bone, bao ba ba tshwerweng ba dira ditiro tsa borukutlhi ba tshwanetse ba dirisiwa ditiro tse di ka solegelang lefatshe leno molemo jaaka go dira mo dipolaseng tsa puso e le kotlhao.
Go sale foo, Rre Sechele o ne a tlhalosa fa seemo sa metsi kwa Jackalas 1 se tokafetse.
Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosetsa Rre Butale fa bontlha bongwe jwa motse bo santse bo aperetswe ke lenyora le legolo, mme a ikuela mo go mopalamente go leka go ba batlela tharabololo ya sennelaruri.
E ne ya re a tshwaela mo ngongoreng eo, mogolwane wa Water Utilities Corporation, Rre Modisaotsile Keetile, a supa fa e le boammaaruri gore motse oo o sa bone metsi sentle.
Rre Keetile o ne a itsise banni gore ka ntlha ya go bo motse wa bone o le kwa godingwana, bokete jwa metsi bo koafala fa a tshwanetse go palamela go fitlha kwa go bone mme seo se felele se baka tlhaelo.
A re seemo seo gape se nna gangwe le gape se bifisiwa ke kgaogo ya motlakase le tshenyego ya didirisiwa tsa kompone ya bone tse ba di dirisang go pompa metsi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : Jackalas 1
Event : Phuthego Ya kgotla
Date : 18 Jan 2016






