Breaking News

Molelo o gorogile kwa Nokaneng

17 Jan 2016

E rile ka Labone, banni ba Nokaneng ba fetola mmala wa motse wa bone go tsaya mmala wa folaga ya Botswana fa ba ne ba amogela molelo wa kgolagano.

Gongwe le gongwe go ne go tletse mebala ya folaga go akarediwa ditlhare, matlapa, batho le diruiwa.

Molelo wa kgolagano o amogetswe ka loshalaba fa o tsena mo kgotleng ka kolotsana ya ditonki e e neng e kgabisitswe ka mebala ya folaga. 

Banni le bone ba ne ba kgabisitse letsatsi leo ka go apara letsela la mebala ya folaga fa balekane ba Botswana ba ne ba di goga kwa pele ka go phaphasela ka purapure ya mmala wa folaga ya Botswana.

Mongwe wa dibui, Rre Malebogo Raditse a re motse wa Nokaneng o tlholegile kwa Xhexini ka 1937 kwa bothabatsatsi jwa motse oo pele o fudugela fa o leng teng ka 1947 ka mabaka a go tshaba merwalela le ntsi ya tsetse ka ba ne ba agile gaufi le makgobokgobo.

Rre Raditse a re ka nako eo puso ya ga mma mosadinyana e ne e  neela dikgotla ditlankana go rurifatsa fa kgotla e beilwe ka fa molaong tse ba neng ba di amogwa ka 1966 ke puso ya nako eno e sena go tsaya boipuso, mme morago kgosi wa Batawana Moremi III a tla go tlhoma baemedi ba gagwe mo dikgotleng tseo.   

A re ka nako eo go ne go na le morafe o le mongwe wa Bayeyi mme morago ga latela Basarwa, Bambanderu, Baherero mme bosheng ga tla Bambukushu.

Rre Raditse yo gape e leng kgosana a re mo nakong eno merafe e le metlhano e setse e na le baemedi mo dikgotlaneng tsa motse oo e le sesupo sa gore go rena kagiso le thokgamo mo motseng wa bone tse di kgonneng go bopaganya merafe go nna seopo sengwe fela.

E rile a bua mo boemong jwa banana, Rre Kealeboga Raditse a gwetlha puso go tlisa ditlamelo mo motseng wa bone di akaretsa lefelo la itloso bodutu, le go tlhamela banana ditiro.

O ngongoregetse gore badirelapuso ba maphata a mangwe ga ba tle kwa motseng wa bone go ba tlisetsa ditlamelo gore ba kgone go itlhabolola mme go ba baya ka fa mosing.

A re mo nakong eno banana ba sasankega fela mo motseng mo bangwe ba felelang ba inaakanya le ditiro tse di sa siamang jaaka itontelo nno tagi, borukutlhi le tse dingwe a bo a kopa puso go potlakela go rarabolola bothata joo. 

 Lefa gontse jalo, banni ba amogetse molelo oo ka bongwefela jwa pelo ka tsholofelo ya gore o tlaa ba tlisetsa ditlhabololo mo motseng wa bone ka o saletse kwa morago.

Go tsamaya ga molelo wa kgolagano go simolodisitswe semmuso ke Tautona Lt. Seretse Khama Ian Khama ka kgwedi ya Lwetse ngwaga e e fetileng kwa Tlokweng mme o solofetswe go wediwa kwa Gaborone mo kgweding ya Lwetse e tlhola malatsi a le masome a mararo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Rebecca Katjimune

Location : Nokaneng

Event : Molelo wa kgolagano

Date : 17 Jan 2016