Kgwebo ya nama e a kokonelwa
17 Jan 2016
Batho ba ba gwebang ka nama ya kgomo kwa Molepolole ba jele magala morago ga gore matlhabelo a le mabedi a tswalwe go bo go sala a le mangwefela a a mo tirisong.
Seemo se, se dirile gore go nne le mosuke wa dikgomo kwa masakeng a matlhabelo a Kubu.
Bagwebi ba, ba ba akaretsang bommelara le badibuchara, ba re go tswalwa ga matlhabelo ao go dirile gore palo e e tlhabiwang ya dikgomo ka letsatsi e nne kwa tlase mo go felelang go baka gore leruo le tseye sebaka se se leele mo masakeng mme pheletso le pharame ka ntata ya tlala.
Bagwebi ba buile mo potsolotsongbosheng gore e re le ntswa matlhabelo a beetswe seelo sa go ka tlhaba dikgomo di le masome mabedi le botlhano ka letsatsi mme ga go kgonagale.
Ba re ba tswa go ikuela kwa go mothusa mookamedi wa lephata la matlhoko a leruo gore matlhabelo ao a okeletswe palo ya dikgomo tse di tlhabiwang ka letsatsi. Ba tsweletse ba re mothusa mookamedi wa lephata leo o dumetse gore palo ya dikgomo e e ka tlhabiwang kwa matlhabelong ao e nne masome a mane ka letsatsi go fema seemo.
Le fa go ntse jalo, bagwebi ba dikgomo ba kgadile thata batlhatlhobi ba nama ba ba direlang kwa matlhabelong ao ka ba re, ba tla morago ga nako kwa matlhabelong mme se se bake gore go tlhabiwe palo e e kwa tlase ya dikgomo, selo se ba reng se isitse kgwebo ya bone kwa tlase thata ka dibuchara dingwe di setse di tswetswe ka ntlha ya tlhaelo ya nama.
Ba re seemo se se bakile gore bangwe ba bone ba palelwe ke go duela dirente le gore bareki ba bone ba latlhegelwe ke tshepho mo dikgwebong tsa bone.
Mongwe wa bagwebi, Rre Oshinke Nthatsi yo e leng mmelara gape a na le kgwebo ya buchara a re dikgomo tsa gagwe di na le malatsi a le mararo di le mo masakeng. A re di setse di tlhofofetse thata mme selo se se mo losa le batho ba a ba rekisetsang dikgomo.
Fa a tswa la gagwe mong wa matlhabelo a Kubu, Rre Kabelo Segola, o tlhalositse fa seemo se se mmabalela phetelela ka le ene e le rabuchara.
A re buchara ya gagwe e tsere malatsi a le marataro e sena nama. Gape a re go tlhoka go tlhaba palo e e bonalang go a mo tlhobosa mo bathong ba a ba tlhabelang.
Erile a tsibogela matshwenyego a bone, mogolwane mo ofising ya matlhoko a leruo Dr Kingsley Siele a bolela fa ba itsile ka koketsego ya dikgomo kwa matlhabelong a Kubu kgwedi eno e simologa.
A re matlhabelo a le mabedi a tswetswe ka go sa shafadiwa diteseletso, mme a le mangwefela e le one a leng mo tirisong.
Dr Siele o tlhalositse gape gore matlhabelo mangwe le mangwe a letlelelwa go tlhaba dikgomo di le masome mabedi le botlhano fela go lebeletswe bokgoni jwa matlhabelo gore a ka tsaya dikgomo di le kae ka palo le bophepa jwa lefelo leo.
Le fa gontse jalo o rurifaditse gore ofisi ya gagwe e lemogile mosuke kwa matlhabelong a Kubu morago ga gore matlhabelo a mangwe a tswalwe mme ba kgonne go oketsa palo ya dikgomo tse di tlhabiwang kwa matlhabelong ao go tswa mo go masome a mabedi le botlhano go tsena mo go masome a mararo go ya masome a mane.
O buile gape a supa gore fa e sa le barui ba ikuela, ba lemogile fa dikgomo tse di tlhabiwang mo kgweding di lekana motse wa Molepolole a tlatsa ka gore bothata bo bakwa ke batho ba ba tswang mo dikgaolong tse dingwe ba tla go tlhaba dikgomo mo Molepolole mme ba felele ba dira mosuke.
A re batho ba metse e e mabapi jaaka e e bapileng le Gaborone ke bone ba tlhokang nama thata. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : Molepolole
Event : Potsolotso
Date : 17 Jan 2016






