Breaking News

Diabe di na le dipoelo

17 Jan 2016

Batswana ba rotloediwa go beeletsa mo diabeng ka go ka busetsa bogolo jang mo nakong e, e e leng gore itsholelo ya lefatshe e a fetoga.

Go buile jalo mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofo Molefhi, mo phuthegong ya kgotla kwa Botshabelo.

Rre Molefhi, yo gape e leng tona wa dikago, boranyane le boitseanape, a re Botswana o tlhasetswe ke leuba mme go reka diabe go ka inola Batswana mo manokonokong a seemo se se sa iketlang sa itsholelo.

O ne a tlhalosa gore jaaka moepo wa BCL o sa dire dipoelo tse di kalo le theko ya diteemane e ile tlase, Batswana ba bone mehama e mengwe ya go beeletsa gore itsholelo ya lefatshe le matshelo a bone a seka a phutlhama.

O ne a tlhalosa  gore P400 million wa diabe o beetswe Batswana mme ga go rekisediwe batswakwa mme a kopa Batswana go seka ba raelesega go di rekela batswakwa ka seo e le molato o o ka isang motho kgolegelong.

O ne a tlhalosetsa banni ba kgaolo eo gore lenaneo la ESP le tlaa fetola seemo sa ditlhabololo mo kgaolong ka go baakanya ditsela le go tlhabolola mohama wa tsa botsogo ka  jaana Selebi Phikwe o tlaa agelwa sepatela se sesha.

Fa ntsha la gagwe, kgosi ya kgaolo eo, Mme Olebogeng Mojuta o ne a ikuela ka seemo sa banana ba ba nnang mmogo ba sa nyalana, a re se tsaya phekelo e sele.

O ne a kopa tona go ntsha mogopolo kwa palamenteng go sekaseka molao wa gore baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana ka lebaka ba kgaoganngwe dithoto ka bogare ka mongwe o a bo a dietse yo mongwe nako gongwe e bile ba na le bana mmogo.

Banni ba kgaolo eo ba ne ba ngongoregela dikgomo tse di gobeyang mo toropong le dipone tsa mekgwatha tse di sa berekeng ka seo se ntsha magodu pelo mme go ka felela go ba beile ka fa mosing.

Banana ba ne ba kopa tona go sekaseka seemo sa letlhoko la ditiro ka mananeo a nyeletso lehuma ba sa neelwe botlhe le didirisiwa di ntshiwa di tlhaela tse ba di filweng. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Gaone Busang

Location : Selebi Phikwe

Event : Phuthego Ya kgotla

Date : 17 Jan 2016