Breaking News

Mokodue go tsoswa o o itekang

17 Jan 2016

Mopalamente wa Francistown Bophirima, o gwetlhile banni ba Tati Town go ikemela ka dinao.

O buile se mo phuthegong le banni ba kgaolo ya gagwe ka Labone gore metlha ga e sa tlhole e le ya maloba, le gore motlhopha ntsi ke yo o kgorang.

O ba gwetlhile go nna le tebelopele, mo matshelong a bone ka go nna boineelo mo matshelong a bone, e seng go nna pelotshetlha.

A re ofisi ya gagwe e butswe go thusa setshaba mo go sekasekeng le go thusa banana ka tsamaiso ya dikgwebo. Rre Moswaane o tlhalositse fa puso e sa tlhole e kgona e le nosi ka jalo ke sone se e tsereng tshwetso ya go tswa ka mananeo go thusa setshaba.

A re go mo maruding  a bone go tsaya kgato nako e sa le teng, a tlatsa ka gore  boitseme le go tlhoka kitso ka se ba se tlhokang mo botshelong ke poelo morago.

O tlhaloseditse banni fa koranta ya DailyNews le seromamowa sa RB1 di goga kwa pele ka dikitsiso ka se se diragalang mo pusong a bo a kopa banana go reetsa seromamowa le gone go bala koranta eo, mme ba tlogele mokgwa wa gore ga di sa tlhole di le mo fesheneng.

O gwetlhile banni go ema ba iphataphatela go na le go tlhola fela mo malwapeng ba sa dire sepe fa ba bangwe bone ba tsogela kwa dipotong ba tlhola ba tsholeditse diphafana.

Rre Moswaane a re nako di fetile e bile mokgwa oo o siilwe ke nako ke wa go tlhoka boikarabelo.

O tsweletse gape a re puso e dule ka le lengwe lenaneo la go rudisa itsholelo le le bidiwang le le tlaa bong le itebagantse le go tlhabolola mohama wa bojanala, go tlhama ditiro, go oketsa tiriso ya madi, go dirwa ga ditsela le go di baakanya le tse digwe fela jalo.

Rre Moswaane a re puso e dira ka gotlhe go tlhabolola Motswana gongwe le gongwe fa a leng teng le gone go ba fa ditirelo tsa maemo a ntlha, go setse fela gore batho ba itharabologelwe mme ba lese go tlhopha ditiro.

O rotloeditse batsadi go tlhokomela le go le sireletsa bana ba bone ka gotlhe mo ba ka kgonang go ba tshabisa dira kwa ntle.

Le fa gontse jalo banni ba ngongoregile ka dipone tsa mo mekgwatheng gore ga di tshube, ga mmogo le metsi a a leswe a a tswang mo meseleng ya kgopho ya metsi a a leswe.

Ba re fa pula di nele gone ke mathata fela ka gore metsi ao a ba latela kwa malwapeng, le bana ba tshamekela mo go one, ba re seo se baya botsogo jwa bone mo diphatseng. Fa a araba mangwe matshwenyego a bone moeteledipele wa tsa madi kwa komponeng ya metsi (Water Utilities Corporation) Mme Oantlafatsa Nkgwaswa a re ba a itse ka mesele eo, mme ga ba a nna fela ba dira ditshekatsheko tsa go batla tharabololo ya sennela ruri e e ka ba thusang.

Mogolwane wa tsa boitseanape go tswa kwa khanseleng Rre Thuso Obakeng le ene a re ba a itse ka dipone tsa mekgwatha tse di sa tshubeng, a tlhalosa fa ba kile ba di etela mo bogaufing go di baakanya.

A re dingwe di bakwa ke dipula ka megala mengwe e tsena metsi, le bana bangwe ba motse ba itse fa di timiwang teng mme ba nna ka go di tima dinako dingwe.

O kopile batsadi go tshwaraganela tiro eo mme ba kgalemele bana thata ka gore go dira jalo ke borukutlhi le motlakase fela ka bo one o borai mo go bone. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : Francistown

Event : Phuthego

Date : 17 Jan 2016