Breaking News

Go tlhoka lepodisi go kgoreletsa ditirelo kwa Gambule

17 Jan 2016

Go tlhoka lepodisi la maemo a magolwane kwa Gambule go kgoreletsa matshelo a letsatsi le letsatsi.

Se, se builwe ke mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Darlington Machaena, mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Biggie Butale, bosheng. 

Rre Machaena o ne a tlhalosa fa ba tlhoka go fiwa lepodisi le le ikanisang ka mo nakong eno ba patelesega go ya kwa Masunga fa ba tlhoka go ikanela mekwalo epe.

O supile fa go tlhoka lepodisi la maemo a magolwane go ba jesetsa mo kgobedung.

O ikuetse mo bagolwaneng ba sepodisi go tsibogela seemo se ka bofefo, a bolela fa puso e solofeditse Batswana fa ditlamelo le ditirelo tsa yone di tshwanetse tsa ba latela kwa ba leng teng.

Mo go tse dingwe, Rre Machaena o ne a kopa gore ba agelwe diofisi tsa kgotla, a supa fa mo nakong eno kgosi ya motse oo, Mme Angelinah Malunjwa a direla mo dikagong tsa komiti ya ditlhabololo tsa motse.

Mme Biganyani Bernard ene o ne a ngongorega ka fa banni ba thusiwang ka teng kwa kokelwaneng.

Mme Bernard o ne a itsise mopalamente fa balwetse ba bonwa ke mooki lebati le butswe mme seo se dire gore ba seka ba phuthologa fa ba itekodisa ka jaana ba ba mo moleng kwa ntle ba a bo ba ba reeditse.

A re selo se se dira gore mo mabakeng a mangwe ba boe kwa bookelong ba sa ipobola ka botlalo mme ka jalo ba fete ba tswelele ba tshela ka ditlhabi. Fa a arabela matswenyego a ga Mme Bernard, mogolwane wa tsa botsogo wa kgaolo ya Bokone Botlhaba Mme Mavis Motshelanoka o ne a supa fa mabaka a go thusa balwetse go butswe lebati e le go itsa go anama ga megare e e borai e e tshelanwang ka phefo.

Fa a a fa sekai ka bolwetse jwa kgotlholo e tona, Mme Motshelanoka o ne a supa fa go le botlhokwa gore phefo e tsamae ka tshosologo go itsa go kokoana ga mogare mo lefelong le le lengwe.

A re balwetse ba tshwanetse ba lemoga fa maikaelelo e se go ba tsuulola, mme ba tlhaloganye fa mo mabakeng a mangwe mooki e le ene a nang le megare e e borai e e ka fetelang kwa go bone le ntswa ba ne ba dule kwa malwapeng ba le phepa.

Le fa go le jalo, mopalamente Rre Butale o ne a kopa banni go ne ba kopa gore lebati le tswalwe fa ba utlwa ba sa gololesega go ka itekodisa le butswe.

O ba kopile go seke ba emela diphuthego go supa matshwenyego a bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : Gambule

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Jan 2016