Ba batla madirelo a a tlhatswang metsi
14 Jan 2016
Banni ba Mmatshumo kwa kgaolong ya Boteti ba re ba batla go tlhomelwa madirelo a a tlhatswang metsi.
Ba boletse jalo kwa puthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe bosheng. Banni ba re metsi a bone a letswai e bile a fetotse meno a bone.
Mongwe wa banni, Rre Matshwenyego Baganetseng a re seemo sa metsi a bone se maswe, mo ebileng ba tlhophile lekoko le le latelang tona wa metsi kwa Gaborone.
Rre Baganetseng o ne gape a ngongorega ka lekalana la CEDA, Gender Affairs le PPABD a re ditlamelo tsa one di kgakala le banni ba Boteti ka jaana di le kwa Palapye, Serowe le Gaborone a kopa gore di aname le dikgaolo.
O ne gape a re terata ya lephata la matlhoko a leruo e e laolang motsamao wa leruo e senyegile, e bile ga ba na mokenti.
Mme Bonang Tumedi a re ba kopa ntlo lehalaha mo motseng wa bone le sekole sa go loga mo Boteti.
E rile fa a ntsha pego ya VDC, mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) Rre Gabantshetse Boshoma a lebogela lenaneo la Ipelegeng a re ka lone ba kgona go dira mananeo a motse wa bone.
Rre Boshoma a re ba kopa go okelediwa dipalo tsa babereki ba Ipelegeng ka jaana palo e ba e filweng ya 105 e le nnye fela thata.
Mopalamente Lelatisitswe o ne a re molelo wa kgolagano otla goroga kwa motse wa Mmatshumo kgweedi ya Motsheganong ele masome a mararo le bongwe (31st).
O bile a ba kgothatsa go ipaakanyetsa ipelelo dingwaga tse di masome a matlhano lefatshe leno lentse le ipusa,ba dira jalo ka go apara mebala ya lefatshe la Botswana .
Rre Lelatisitswe o ele a ba gakola gore khamphani ya Botswana Telecommucation Limited BTCL e tla bo e rekisa diabe kgweedi eno le lesome le bonwe go tse Mopitlo a tlhola ga raro.
O ne a ba lemotsha botlhokwa jwa diabe a bo a ba rotloetsa go rekisa leruo gore ba reke diabe.
O ile a ba lekodisa ka Lenaneo la Economic Stimula Programme (ESP) le a reng ka lone puso e ikaelela go rudisa itsholelo.
Kgosi Keletshwaretse Phetsogang wa Mmatshumo o ne a supa fa ba tswentswe ke maduo a a wetseng tlase a ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa la ngwaga o o fetileng. A re mo dingwageng tse di fetileng sekole se sebotlana sa Mmatshumo se ntse se dira sentle.
Kgosi o supile fa temo ya ditselana e ba baya ka fa mosing ka lebaka la tlhaelo ya digogi mme ba felele ba sa kgona go lema sentle.
Rre Phetsogang a re babega kgang ga ba bege dikgang tsa kgaolo ya Boteti ka fa go solofelwang ka teng.
Badirelapuso ba ne ba araba dipotso tse di amang maphata a bone,fa mopalamente a ne a supa fa a tsaya tsie matshwenyego a bone e bile a tlaa a sala morago. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : Mmatshumu
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 14 Jan 2016






