Banni ba rotloediwa go reka diabe
14 Jan 2016
Banni ba Kubung le Kumakwane ba rotloeditswe go reka diabe tsa khamphani ya megala ya BTCL.
Mafoko a, a boletswe ke tona wa dipalamo le ditlhaeletsanyo, Rre Tshenolo Mabeo, fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa kgaolong ya gagwe ya botlhophi ya Thamaga-Kumakwane.
O kopile Batswana go tsaya bukana ya e e buang ka diabe tsa BTCL kwa polokelong ya Barclays le mo mabentleleng a Choppies.
Mogolwane go tswa kwa a BTCL, Rre Papiso Makwati, o ne a tlhalosa fa ba simolotse go rekisa diabe kgwedi eno e le lesome le bongwe, ka jalo go tsenya ikopelo ya go reka diabe go tlaa tswelela go fitlhela kgwedi ya Mopitlo e tlhola gane.
Rre Makwati o tlhalositse fa seabe se le sengwe e le P1 mme ba simolola ka diabe di le sekete go ya kwa godimo, mme madi a a fa godimo a balwa ka makgolo.
O tlhalositse fa go tlhokafala gore moikopedi a tle ka Omang o o rurifaditsweng, a bo a tla le madi le gone go tlatsa fomo mme ba e ise kwa polokelong ya Barclays.
Fa ba tswa la bone, banni ba Kumakwane ba ne ba tlhalosa fa ba ntse ba na le mathata a matona a metsi dikgwedi tse lesome tse di fetileng, mme ba tlhalositse fa seemo se le botoka mme se ise se fetoge motse otlhe.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Toitoi, o tlhalositse fa sekole se sebotlana sa Kumakwane se sa bone metsi gotlhelele, gape ba kopa go agelwa sekole se sengwe se sebotlana ka jaana seo se na le bana ba feta makgolo a robabongwe.
O supile gape fa ba kopa go okelediwa matlwana a borutelo kwa sekoleng se segolwane sa Kumakwane le one a boroko jwa barutabana.
O tlhalositse gape fa sekole se sebotlana sa Kumakwane se tlaa bo se ipelela dingwaga tse di masome a matlhano ka kgwedi ya Lwetse fela jaaka lefatshe leno.
E ne erile a amogela baeng Kgosi Chomi Seboni, a tlhalosa fa ba sale ba solofediwa kokelo mme nako kgolo ke eno, a bo a supa matshwenyego a bana ba ba ikgapelang botshelo ka ntlha ya marato.
Erile a ba kgwa kgaba, tona Mabeo a tlhalosa fa a buile le tona wa tsa metsi Rre Kitso Mokaila, mme a solofeditse gore ba tlaa leka go fetola ka fa go gogiwang metsi ka teng kwa tankeng ya Gabane, gore e seka ya re fa go na le mathata a bo a ama metse e mengwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Kumakwane
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 14 Jan 2016






