Breaking News

Pallaroad o itatola mokwalo

11 Jan 2016

Banni bangwe ba Pallaroad mo kgaolong ya botlhophi ya Mahalapye Botlhaba ba supile fa ba sa amane le lekwalo le go tweng le tlhalosa fa bogosi jwa motse oo bo ntse bo tshwareletswe.

Dikgang tsa go tshwarelelwa ga bogosi di tla morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Mogakolodi Mpaesele yo o tlhokafetseng ngwagatlola a santse a le mo setilong.

Mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso bosheng, morafe o tlhalositse fa one o ise e re ka nako epe o kwale gore Rre Mpaesele o tshwareletse mongwe bogosi.

Ba re ba gakgamadiwa ke kgang e, ka e bile e tlhagogile morago ga a sena go tlhokafala. Ba re fa e sale motse o o nna teng, setilo sa bogosi se ntse se fapaanelwe go tswa fela gore morafe o dumalana go se neela mang. 

Mongwe wa banni, Mme Easter Kooreng a re morafe o setse o kwadile mokwalo o o kgatlhanong le gore bogosi bo tshwareletswe mongwe.

A re keletso ke go itlhophela ngwana wa Pallaroad ka jaana bogosi bo ntse bo fapaanelwa go sa supe bo tshwareletswe ope.

Mme Kesebelwang Modise le ene o supile fa go se na yo o tshwareletsweng bogosi ka boa fapaanelwa.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Segametsi Mangope le ene o ne a supa fa kgang ya bogosi e tshwentse morafe e bile o setse o kwaletse kgotla kgolo ya Mahalapye lokwalo, mme ba direla kgotla kgolo ya Ga-Mmangwato kwa Serowe moriti wa lone.

 Fa a amogela baeng, mothusa kgosi wa Mahalapye, Kgosi Tshipe Tshipe yo e bileng e le leloko la Ntlo ya Dikgosi o supile fa go tlhoka kgosi mo motseng oo go kgoreletsa ditirelo.

Le fa go ntse jalo, a re go dirilwe thulaganyo ya go thusa motse oo, a tlhalosa gore ditsheko tsa koo di neetswe kgosi wa Shakwe le Taupye. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : Pallaroad

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 11 Jan 2016