Breaking News

Banana ba ikuela mo go Makgato

22 Dec 2015

Banana ba metse ya Maape, Pilikwe le Mhalapitsa ba lela ka go diega ga ditlamelo kwa metseng ya bone.

Ba buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa bone, Mme Dorcas Makgato.  Ba re go diega ga ditlamelo go ba ba ya ka fa mosing.

Banana ba, ba re lenaneo la go isa banana dikoleng tse dikgolwane tsa ithutelo ditiro la Target 20 000 le gorogile morago mme le tlogetse bontsi bo sa isa dikopo tsa bone.

Ba re ke gone ba neng ba amogela difomo tsa go ikopela bosheng, di tla ka makhanselara a bone mme e re ba lebile go di busa go bo go tswalelwa.

Ba kopile mopalamente go ba thusa kgang e. Mo go tse dingwe, banana ba Tirelo Setshaba ba lela ka go sa bona dituelo tsa bone tsa kgwedi le kgwedi.

Ba re ba isitse sesupo sa gore ga ba a duelwa kwa ofising ya banana ya Mahalapye mme ga ba ise ba fiwe phetolo mme e bile malatsi a keresemose a gaufi mme ba ise ba duelwe.

Banana ba tlhaloseditse mopalamente wa bone fa se, se bakilwe ke gore diofisi tsa banana tse di kwa Sefhare di tswetswe mme ba tlamega go tsaya ditlamelo kwa Mahalapye.

Fa a tswa la gagwe, Mme Makgato, yo e bile e leng tona ya botsogo, o ba tlhaloseditse fa ofisi ya banana e sa tswalwa ntswa maikaelelo e ne e le go e tswala.

A re o ne a bua le ba ofisi ya banana gore ofisi e e kwa Sefhare e seka ya tswalwa ka e thusa banana ba kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami fela thata.

A re mmabanana yo o ntseng a berekela mo go yone o isitswe kwa lefelong le lengwe ka jalo ofisi eo e tlaa fiwa mmabanana yo mongwe ngwaga o o tlang o simologa.

Mo go tsa dituelo tsa banana a re o tlaa tlhotlhomisa kgang e go bona gore banana ba ka thusiwa jang ka dituelo tsa bone pele ga keresemose.

Mme Makgato o ba tshephisitse go tlhotlhomisa le kgang ya difomo tse di tswaletsweng tsa ikopelo dikole tsa ditiro.

A re kgang e ke selelo se a se fitlhetseng le ko metseng ya Matlhakola, Chadibe le Borotsi ka jalo go supa fa e amile banana ba kgaolo ya gagwe ka bontsi.

O ba kopile gore mo nakong ya gompieno ba na me ba isitse difomo le maina a bone ko ofising ya gagwe gore a kgone a itse gore go amegile banana ba le kae. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Palapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 Dec 2015