Breaking News

Goya o rotloetsa bopelotele

21 Dec 2015

Mopalamente wa Palapye, Rre Moisareela Goya,  o  kopile banni ba Palapye  go nna pelotelele mabapi le ditlhabololo.

Baagi ba Extension 1 ba ne ba ngongorega ka seemo se se maswe sa ditsela tse di ralalang kgotlana.

Rre Goya  o ne a tlhalosa fa go sa kake ga kgonagala gore ditsela tsa Palapye di baakangwe nako e le nngwe. 

O ne a kopa morafe gore o se tshwenngwe ke kgang ya gore go lebega fa ditlhabololo tsotlhe di ganeletse kwa Extension 11. 

A re ditlhabololo tseo di tlaa ama kgotlana ya bone ka gore dingwe tsa tsone di tlaa gokaganya kgotlana ya bone ka tsela ya sekole se segolwane sa Maphula e e tlaa tshelwang sekonotere.

Mo dikgannyeng tse dingwe, mopalamente o ne a tlhalosa fa mo palamenteng e e sa tswang go fela,  Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a ne a bega lenaneo la go rudisa le itsholelo ya lefatshe (Economic Stimulus Programme - ESP). 

O boletse fa go ne ga begwa gore go tlaa dirwa gore ditlhabololo di fitlhe kwa Batswaneng botlhe. 

A re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le seriti mme a akole meamuso ya lefatshe. 

O ne gape a re go boletswe fa maikaelelo a mangwe a ditlhabololo e le go tlhabolola banana le go ba aga gore ba nne le boikgapo jo bo tseneletseng ka gonne ke bone bokamoso jwa lefatshe. 

Mopalamente Goya, yo gape e leng mothusa tona wa temothuo, o tlhalositse fa puso e ikemiseditse go busetsa itsholelo mo seemong sa ngwaga wa 2008 sa itsholelo e e botoka ka lenaneo la ESP. 

A re lenaneo le itebagantse le go fefosa go tlhama ditiro, go nyeletsa lehuma la nta ya  tlhogo, go tsisa thuto ya boleng jo bo kwa godimo, go tokafatsa seemo sa go anamisa metsi le go baakanya seemo sa tlhaelo ya motlakase mo lefatsheng leno. 

A re tautona o ba gwetlhile gore e re jaaka lefatshe le atamela boipuso jwa masome a matlhano, Batswana ba itlhophele go dira ka natla. 

A re ka lenaneo la ESP, go dirilwe gore kabo ya ditsha tsa dikgwebo e fefosiwe gore bagwebi ba tle ba kgone go thusa setshaba ka go tlhama mebereko. 

A re go tlaa dirwa ditsela tse dingwe go fokotsa mosuke wa tsela ya A1 e e kopanyang Francistown le Gaborone. 

Rre Goya a re nngwe ya ditsela ke e e tlaa tswang Serowe mme e wela ko Serule fa e nngwe e tlaa feta ka Selebi Phikwe le Mmadinare  e wela kwa Tonota. 

A re go dirwa ga ditsela tse go tlaa fokotsa mosuke le dikotsi tsa tsela mo A1. 

O boletse gape gore mangwe a masimo a a tlaa dirisiwang thata go ntsha temo ya thekiso a tlaa agelwa ditsela.  Tiro e e tlaa tsaya lebaka lwa dingwaga tse tharo go ya ko go tse nne. 

Mopalamente  Goya a re ESP e itebagantse gape le go oketsa seemo sa gore lefatshe le ntshe dijo tse dintsi ka temo-thuo. 

A re go tlaa shafadiwa dikole dingwe, go agiwa matlo a borutelo le matlo a boroko jwa barutabana ka ntlha ya gore a ke mabaka a a amang thuto ya lefatshe leno. 

O ne a re go tlaa okediwa dikago tsa botsogo, ga agiwa dikokelwana le dikokelo. 

O solofeditse fa kokelo e tona ya Palapye e tlaa agiwa ka ngwaga wa madi wa 2017/18. 

Rre Goya a re leuba a re ka ntata ya leuba, go fokoditswe ditlhwatlhwa  ka sephatlo.  

O ne a tlhalosa gape fa thekiso ya teemane e wetse tlase mme se se tlama gore ba nne le ditsela tse di bofefo go tswakanya itsholelo. 

Banni ba Extension 1 ba ne ba ngongorega ka borukutlhi jo bontsi mo kgaolong ya bone bogolo jang bogodu jwa leruo, dipetelelo, go thubiwa ga mabenkele le matlo le modumo o montsi go tswa kwa marekisetsong a bojalwa. 

Ba ne ba ngongoregela gape gore mapodisi a bonya go tsibogela tse ba di kopang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshepo David

Location : Palapye

Event : Phuthego

Date : 21 Dec 2015