Breaking News

Mbulawa o gopola masiela

15 Dec 2015

Bana ba Motse wa Tsholofelo le ba Motse wa Kgalalelo ba ne ba phophoma ka boitumelo morago ga gore modulasetilo wa khansele ya Bokone Bophirima, Rre Reaboka Mbulawa, a ba abele dimpho tsa keresemose le go ja le bone dijo tsa motshegare.

Metse ya Tsholofelo le Kgalalelo e tlhokomela bana ba masiela le ba ba bang le matlhoki kwa malwapeng a bone.

Modulasetilo o ne a gopola gape setlhopha sa kgwele ya dinao sa Komana ga mmogo le Rre Steven David, monana yo a saleng a mo ithaopela go mo tlhokomela a sale kwa kwa Thusong Rehabilitation Centre yo jaanong a tsenang sekole kwa Pudulogong kwa Mochudi.

Fa a bua kwa moletlong oo, Rre Mbulawa o tlhalositse fa bana ba ba tlhokileng lesego ba tshwanelwa ke go fiwa lerato le kemo nokeng fela jaaka bana ba bangwe.

A re fa go tla malatsi a botsalwa jwa Morena go botlhokwa go gadima ba ba tlhokang gore ba seka ba nna le boitlhobogo.

Modulasetilo o ne a gwetlha morafe go tsaya boikarabelo jwa go supa mowa wa lerato le bopelotlhomogi mo go ba ba kobo dikhutshwane.

A re ene fa a tsena mo khanseleng, o ne a ipolelela gore bontlha bongwe jwa dipoelo tsa gagwe o tla bo boloka gore a tle a kgone a thusa bana ba ba tlhokang.

Rre Mbulawa a re kgaolo ya Ngamiland e aparetswe ke dikgwetlho  tse dintsi tse di tlhokang botlhe go ema ka dinao go batla ditharabololo. 

E re ka moeltlo oo o ne o kopane le wa chairman’s ball, modulasetilo o ne a tlhalosa fa bokopano joo jo bo neng bo ngokile bogogi jwa kgaolo, makgotla a a ikemetseng le bana le seabe bob a fa sebaka sa go itshekatsheka le go gone go buisanya ka dikgwetlho tsa kagolo le gore di ka lwantshiwa jang.

E ne ya re a tswa la gagwe, mokwaledi wa khansele, Rre Mozondick Moswete a tlhalosa fa bana ba dikhutsana ba tlhoka thotloetso, bogakolodi le lorato gore bag ole ba na le boikarabelo mo setshabeng.

A re se modulasetilo a se dirileng se a itumedisa ka jaana se tsamaelana le moono wa lephata la dikagolo le tlhabololo matshelo o o reng “Batho pele”.

A re Rre Mbulawa o supile fa a kgathala ka matshelo a Batswana mme a mo rotloetsa go tswelela ka mowa o montle oo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : Maun

Event : Kabo Dimpho

Date : 15 Dec 2015