Kago ya Eloi e butswe kwa Palapye
15 Dec 2015
Mokwaledi wa ofisi ya ga Tautona, Rre Carter Morupisi, a re o tshwenngwa ke dikereke tse di fetogileng mafelo a dikgwebo, e le gone kwa batho ba tsiediwang teng ka go tseelwa madi.
Rre Morupisi o buile jalo fa a ne a bula kereke ya Eloi Chirstian kwa Palapye ka bofelo jwa beke.
A re setshaba se tshwanetse sa tlhaloganya gore kereke ke lefelo le le kgethegileng le le tlhokang go tsamaisiwa ka monontlhotlho le ka matsetseleko ka dinako tsotlhe.
O ne a supa fa lefelo la kobamelo le tshwanelwa ke go nna le le phepa ka e le gone kwa e reng fa maikutlo a tlhakatlhakanye motho a bo a ka ikutlwa a gololesegile mo go lone go galaletsa Modimo ka tshosologo.
O ne a lebogela kereke ya Eloi gore e bo e bone botlhokwa jwa go dirisa mo ba go kgobokantseng go aga kereke e ntle mo Palapye.
O ne a kopa gore seo e nne bokao jwa go okela maloko mo kerekeng ka maikaelelo a go aga setshaba.
Rre Morupisi o ne gape a akgola moeteledipele wa Eloi, Moruti Simeon Rmosetlha yo o saleng a eteletse kereke eo ka 2006, a direla mo lefelo leo le lone ba le abetswe ka 2009 go sena kago ya tlhomamo go fitlhelela a tlhongwa moruti.
Rre Morupisi o ne gape a lemoga seabe sa ga Bishop Jakoba Keiphile, yo e leng mookami mogolo wa kereke ya Eloi Chirstian mo Botswana, mme a re o lemoga sentle gore ke pilara e e tsweletseng ka go nonotsha le go tsenya mowa wa semowa le lerato la Modimo, ka go aga, go godisa, go rutuntsha le gone go nosetsa boitshwaro jwa se Modimo mo malokong.
Rre Morupisi o ne a gatelela gape matshwenyego a gagwe ka fa dikereke jaanong di fetogileng batsietsi ba setshaba ka teng, mme a kopa bobedi joo go repedisa mowa oo go tswa mo bathong ba Modimo.
A re Taotuna wa lefatshe leno o rata go bona kagiso e rena mo lefatshing leno, ka le itsiwe thata ka kagiso le tlhokgamo, ke sone se mo nakong eno dikereke di tsenngwang mo mererong le mo ditlhabololong tsa lefatshe leno ka go lemogilwe fa seabe sa tsone e le sa boleng jo bo kwa godimo.
E ne ya re morago a gwetlha dikereke go inaakanya le mananeo a puso go itlhabolola le go tlhabolola maloko a dikereke tsa bone ka bongwe ka bongwe. O ile a re ba tsene mo diofising tsa puso ba itse se puso e se ba tsholetseng mo mananeong a mantsintsi a a teng.
Rre Morupisi o ne a nna le sebaka sa go bua ka lenaneo la go rudisa itsholelo a re le tshotse go le gontsi segolo jang mo go tlhameleng Batswana ditiro le go rotloetsa tse di dirilweng mono gae.
A re ke nako ya gore ba batle dikitso tse di ka ba tlhabololang go akola lenaneo leo.
O ile gape a tsaya sebaka go gakologelwa Mme Elizabeth Mabogo yo o sa tlholeng a le mo botshelong yo e neng e le leloko la Eloi, le ba lelwapa la gagwe ka seabe sa bone mo kagong ya kereke eo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Palapye
Event : Pulo semmuso
Date : 15 Dec 2015






