Breaking News

Matshelagabedi o rile huu ka borotho

13 Dec 2015

Morago ga go lemoga fa banni ba Matshelagabedi ba sokodisiwa ke go latela borotho kwa toropong ya Francistown, ba lelwapa la Goora Lokwalo gammogo le Mme Elizabeth Ishmael ba ile ba ikopanya mme ba simolola kgwebo ya go apaya borotho.

Fa a bua mo potsolotsong, Mme Chatiwa Lokwalo o boletse fa e rile ka 2010 ba simololola kgwebo kwa ga bone e le ka ntlha ya gore ne go sena ko ba rekang borotho mo motseng wa Matshelagabedi.

Ka ngwaga wa 2012, a re ba ne ba ya go ikopela dithuso kwa lephateng la nyeletso lehuma go atolosa kgwebo ya bone mme kopo e ne ya atlega mme ba bitsa kgwebo ya bone Kushinga Bakery, lefoko Kushinga, le e leng puo ya Sekalaka, le raya go bereka. 

Ba ne ba thusiwa ka pitsa e e kgonang go ntsha marotho a le lesome le botlhano mme seno se ne sa dira gore ba kgone go apaya mefuta ya borotho ka go farologana.

Kgwebo ya bone ene ya gola fela thata mme mo ga ba kgothatsa go ya go kopa dithuso tsa madi kwa go ba lephata la Bong kwa Francistown mme ba bona madi a kana ka dikete tse di masome a mabedi le boferabongwe.

Mme Lokwalo a re madi a ba ne ba a dirisa go aga lefelo le ba apeelang borotho teng mme a mangwe madi ba reka sebediso sa borotho le didirisiwa tse dingwe tsa go apaya mefuta ya borotho ka go farologana.

Mo godimo ga moo ba ne thapa modiri a le mongwe go thusa go apaya mme se se itumedisang ka kgwebo e ke gore e godile ka ba rekisetsa moepo wa Tati Nickel sekolo se se golwane sa Maruje mme keletso ya bone ke go rekisetsa le sekolo sa Maenjane ko motseng wa Sekakangwe.

Kgwebo eno go ya ka Mme Lokwalo e dira sentle fela thata ebile ba kgonne go abela sekolo se se botlana mo motseng wa bone madi a kanang ka sekete sa dipula go a dirisa mo go tsa kabo ya dimpho go fiwa ba ba dirileng sentle fa ngwaga e hela.

Gape ba thusa batlhoki mo Matshelagabedi ka go ba abela didirisiwa tsa mo ntlong mme maikaelelo a bone ke go tswelela ba thusa ba ka go ba agela le matlo.

Mme Lokwalo a re mo ngwageng wa 2014, ba ne ba atswiwa ka seetsele sa tshaba e kutlwelo botlhoko ebile ele pelotlhomogi ba se fiwa ke ba Tebelopele ya setshaba ya 2016 morago ga go utlwalela ka bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keitumetse Letlhogela

Location : Matshelagabedi

Event : Potsolotso

Date : 13 Dec 2015