Kgosi o akgola maphata a puso
13 Dec 2015
Mothusa Kgosi ya Peleng, Tshegofatso Setumo, o lebogetse bodiredi kwa ofising e e tlhokometseng dithoto le makgetho, lephata la tupo ya ditswammung le la dikitsiso mowa o montle wa go abela ba ba tlhokileng lesego.
Fa a bua kwa moletlong wa go abela Mme Sheila Kholombo le ba lelwapa la gagwe setofo sa kese, dijo le dipitsa tse di lopileng madi a a ka tshwarang dikete tse tharo tsa dipula, Kgosi Setumo o ne a re se se dirilweng ke badiri ba maphata ao, ke go supa fa ba kgathala e bile ba na le loerato mo setshabeng sa bone.
A re lerato le tshwanetse go supiwa ka ditiro tsa mothale oo, a tlatsa ka gore babereki ba supile mowa wa bojammogo magareng ga bone ka ba tswa kgakala ba kopanela tiro e ya go thusa ba ba tlhokileng lesego, e bile ba supa fa ba ikaeletse go dira jalo ngwaga le ngwaga ba sa bowe ka morago.
Kgosi Setumo o ne a tswelela ka gore go dira jalo gape ke go araba kopo ya ga tautona ya gore maphata a iponatse mo setshabeng gore se ba itse, le gore ba itse matlhoki a setshaba go se thusa botoka.
Fa a ntsha la gagwe mmaboipelego wa toropo mme Bajwadi Tebele, a re o leboga Modimo go bo tiro ya letsatsi leo e kgonagetse.
A re ene e le mogopolo o montle gore maphata ao a tshwaraganele setshaba ka tsela e e ntseng jalo.
A re go sego letsogo le le abang, a re ka jalo badiri ba maphata ao ba tla a okelediwa go menagane.
A re badiri bao ba dirile tiro e ntle e e se kitlang e lebalesega motlhofo ka e le ya go dira pharologanyo mo matshelong a ba lelwapa la boora-Kholombo.
Fa a amogela dimpho tseo, Mme Sheila Kholombo o ne a re o itumetse thata, mme a leboga Modimo go menagane.
A re badiri ba maphata a a mo fileng dimpho ba tla a segofala mme Modimo o ba okeletse masego a ba nang nao. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Dineo Modikele
Location : Lobatse
Event : Kabo dimpho
Date : 13 Dec 2015






