Kgotla ya Tati Siding e atlholela monna kgolegelo
10 Dec 2015
Lekgotla la ditsheko la Setswana la Tati Siding kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba le atlholetse Alfred Kenyafetse kgolegelo ya dingwaga tse tlhano ka molato wa bogodu jwa leruo.
Go tlhalosiwa fa Kenyafetse yo o dingwaga tse di masome a mararo le boferabongwe, yo o tlholegang kwa Thamaga mme mo nakong eno a nna kwa Tati Siding, e ne ya re mo makukung a kgwedi eno e le masome a mabedi le borataro a utswa podi ya pholo mo lesakeng la monni mongwe wa Tati Siding.
O ne a tshwarwa ke mapodisi a a neng a le mo paterolong ka nako ya botlhano gone ka letsatsi leo, a e pegile mo baesekileng a setse a e bolaile mme a ise a bowe.
Tsheko e ne ya tsena ka lone letsatsi leo, mme mosekisiwa o ne a ipona molato, a kopa lekgotla go mo utlwela botlhoko ka jaana a tlhokomela ngwana wa gagwe le nkukuagwe.
Fa a ntsha katlholo, Kgosi ya Tati Siding, Kgosi Simon Nkgageng o ne a tlhalosa fa molato wa bogodu jwa leruo o le masisi, ka jalo o sa tlhoke boitshwarelo bope mme modira molato mo go one a tlhoka go gagamadiwa phogwana.
A re le fa gone mosekisiwa e le modira molato wa ntlha, fela lekgotla le bone go tshwanela gore a ye go disa poo lebaka la dingwaga tse tlhano go bontsha ba bangwe gore bogodu jwa leruo bo ilwa lebaibai.
Podi eo e ne ya tlisiwa fa pele ga lekgotla e le bosupi mme lekgotla la laola gore e busediwe mong wa yone.
Gontse go le foo, Kgosi Nkgageng o ne a gwetlha banni ba Tati Siding go tlhokomela leruo la bone le go netefatsa gore ba le tlhatlhela ka dinako tsotlhe go tila gore le utswiwe ke magodu.
O tsweletse a kopa banni go nna ba loma mapodise tsebe ka ope fela yo ba ka tswang ba mmelaela mo motseng ka seo se ka fedisa borukuthi mo motseng wa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Tati Siding
Event : Tsheko
Date : 10 Dec 2015






