Ramapodisi o kgala thekiso ya motokwane
10 Dec 2015
Mookamela mapodisi a Sejelo kwa Kanye, Rre Sello Ntwayagae, o kgadile batsadi ba ba rekisetsang bana motokwane.
O buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Kanye bosheng. A re dipalo le ditlhotlhomiso tsa bone di supa fa Kanye e le ene a di gogang kwa pele mo go rekiseng motokwane.
Rre Ntwayagae o rotloeditse batsadi go disana gore go nne motlhofo go tshwara batho ba ba rekisang motokwane.
“A re nneng badisa ba ba bangwe, ka jalo re ka lwantsha motokwane mo motseng o,” ga bua Rre Ntwayagae. O kopile morafe go tshwaragana go lwantsha tiriso ya motokwane, a tlhalosa fa tiriso ya one e sa siama ka o senyetsa bana bokamoso.
Mokwaledi wa komiti ya twantsho borukutlhi mo kgaolong ya Segotshane, Mme Betha Ntshutelang a re ba tsentswe tsebetsebe ke bana ba sekole sa Mathiba.
A re bana ba Mathiba ga ba tsene sekole sentle ba nna mo sekgweng sa Pharing, o tlhalositse fa ba ya sekoleng fela ka nako ya dijo mme ba boele mo sekgweng fa ba fetsa go ja.
Mme Ntshutelang o buile fa ba nna fela ba alotse bana ba mme ga gona nko epe e e tswang lemina.
A re botlhokatsebe ga bo busetse mme bo senya bokamoso jwa ngwana ka jalo o kopa batsadi go ruta bana ba bone tshiamo go nne ba tlaa thanya lo le tsebeng.
Mme Ntshutelang o boletse fa ba sa bone boroko ka ntlha ya batsadi ba ba rekisang bojalwa jo bo sa letlelelweng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Leteng Nokwane
Location : Kanye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 10 Dec 2015






