Lekgwapheng o batla kgosi
10 Dec 2015
Kgosi kgolo ya Bakwena Kgosi Kgari Sechele III o kopile banni ba Lekgwapheng kwa Molepolole go kopana kwa bothokong go batla leina la yo a tlaa etelelang pele kgotla ya bone. Kgosi Kgari o buile jalo fa a tsibogela matshwenyego a banni ba kgotla eo mabapi le gore kemang yo a tshwanetseng go ba etelela pele.
E ne e rile gole pele Kgosi Kgari a kopa banni ba Lekgwapheng go mo itekodisa ka kgang ya leina la yo ba mmatlang go etelela kgotla ya bone ka e bile kgang eo e se lantlha e buiwa le fa e ne ya seka ya rarabologa.
A re o tlaa tla go utlwa tshwetso e ba e tsereng ka kgwedi ya tlhakole mo ngwageng o tlang.
O ba gakolotse gape gore kgotla ya Lekgwapheng ke yone fela e ba ka tshwarelang dipuisano mo go yone ka e tlhomilwe kafa molaong, mme go sena epe kgotla mo kgaolong eo e ba ka tshwarelang dipuisano kwa go yone.
Batho ba kgaolwana eo bane ba supa tlhobaelo ka tshwetso ya ga Kgosi Motshegetsi Bakwena ya go ba tlhopela leina la yo a tla ba etelelang ntle le go rera le bone, mme jaanong ba utlwa fa jaanong fa go setse gona le leina la mongwe yo a kaiwang fa a tla etelela kgotla ya bone.
Rre Phillip Garemmogo a re ga ba dumalanwe le go batlelwa ka jalo ba kopa go ya go itshekatsheka.
Fela jaaka dibui tse dingwe Rre Lebolotse Bodigelo o iteetse kobo moroko mafoko a ga Kgosi Kgari ka ele a agang e bile a ka tlisa ledula magareng ga morafe.
Modulasetilo wa pele wa komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa kgaolwaneng ya Lekgwapheng, Mme Gadifele Morake, ene o ne a lemotsha batho mo phuthegong eo fa dikgang tsa bogosi di batla tlotlo le theetso .
O bile a kopa Kgosi Kgari go reetsa batho a re seo se tlaa dira gore a robalalwe ke ditlhokwa le go tlotla seriti sa gagwe .
O bile a kopa Bakwena gore ba seka ba letlhegelwa ke ngwao ya bone ka e bile baitse kwa bogosi ja bone bo namelang teng .
A re ele Bakwena ga baeletse go bona batswa ka dikgoro ba ya kwa go sa tlwaelesegang jaaka makgotla a ditsheko ka jaana seo se tla ba tlontlolola. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Dinah Mfulwane
Location : Molepolole
Event : Phuthego
Date : 10 Dec 2015






