Magolegwa a galaletsa puso
09 Dec 2015
Magolelwa kwa kgolegelong ya Maun a le lekgolo le bongwe a alogile mo dithutong tsa Alpha Botswana tse di itebegantseng le go ba aga sesha ka go ba ruta lefoko la Modimo.
Alpha Botswana ke mokgatlho o o ikemetseng ka nosi wa mafatshe fatshe o o itebagantseng le go tlhabolola matshelo a magolegwa ka go rera lefoko la Modimo. Magolegwa ao a ne a tsena dithuto tseo dibeke di le lesome le bobedi.
E ne ya re kwa moletlong oo, magolegwa a leboga puso go bo e tsweletse ka go tla ka mananeo a a itebagantseng le go tokafatsa matshelo a Batswana.
Ba galaleditse thata tautona wa lefatshe leno ba re o a tshwenyega ka Batswana ka a lemoga ba aperwe ke lehuma mme ka dinako tsotlhe o a ba etela le ba ba kwa dikgolegelong tota.
Bangwe ba magolegwa ba ne ba a fa bopaki ka dithuto tseo ba re e le ruri di ba butse matlho le ditlhaloganyo e bile ba lemoga fa kgolegelo e se lefelo le le maswe mme e le lefelo le le agang motho gore a boele mo sethong se se eletsegang.
Ba re e re ka ba kopana ba sa itsane mo kgolegelong ba ne ba tshelela fela mo dintweng le go ngapana mme gompieno ke bana ba lelwapa le le lengwe ka jaana ba ithutile go itshwarelana le go tshela ka mowa o le mongwefela.
Ba re dithuto tseo di dirile pharologanyo e tona mo matshelong a bone ba supa fa ba itemogetse gore melato e ba e dirileng, go a kgonagala gore fa ba kopa mo Modimong ka thapelo tsotlhe di tlaa siama.
Ba re ba ithutile gape gore fa o dirisanya sentle le bodiredi jwa kgolegelo o nna le sebaka se sentle sa gore o fiwe tlotlo e e go tshwanetseng le gone gore o ka fiwa tetla ya go direla kwa ntle (extra mural).
Mogolwane wa kgolegelo, Rre Tomeletso Mogogoma o ne a lebogela ba Alpha Botswana tiro e ntle e ba e dirang. A re tiro eo e tlaleletsa ya dikgolegelo ya go aga, le go fa bogakolodi.
O ne a gwetlha makalana a mangwe go dirisanya le dikgolegelo ka go ba fa ditirelo tse di rileng.
A re bangwe ba tsaya kgolegelo jaaka lefelo le le maswe mme a kaya fa magolegwa e le batho fela ba ba tlhokileng lesego ka go dira molato.
Rre Mogogoma a re fela jaaka Motswana mongwe le mongwe ba tshwanelwa ke go fiwa lorato, dikgakololo gore ba boele mo sethong se se eletsegang.
O ne a lebogela dialogane go bo di ne di itshwere sentle mo dithutong tseo mme a ba rotloetsa go tswelela ka mowa o montle oo.
Mogolwane wa Alpha Botswana, Rre Tumo Mosupe o ne a tlhalosa fa mokgatlho oo o se mosha ka jaana o setse o fetile ka dikgolegelo dingwe mo Botswana.
A re o bopilwe ka maloko a dikereke tse di faroloanyeng go etela dikgolegelo go ruta ka lefoko la Modimo.
O boletse fa ba akola kemo nokeng go tswa mo makalaneng a mangwe a supa fa ba Flying Mission ba ne ba ba fa dibaebele di le 150 go di dirisa mo dithutong tsa bone.Rre Mosupe o ne a leboga bodiredi jwa kgolegelo ya Maun a re ba ne ba ba eme nokeng mo lobakeng lotlhe lwa dithuto.
Magolelgwa ba ne ba fiwa ditlankana mme ba solofetsa fa ba tlaa tsweledisa se ba se ithutielng fa ba fetsa lobaka lwa bone mo kgolegelong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Maun
Event : Kaloso
Date : 09 Dec 2015






