Bogadi ga se kgwebo - Motshwane
09 Dec 2015
Kgosi Paul Motshwane wa kgotla ya Gerald Estates kwa Francistown a re go botlhokwa gore batsadi ba tlhaloganye fa bogadi e se kgwebo.
O buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Gerald Estates bosheng. A re bogadi ke tsela ya go kopanya batsadi ba banyalani le go leboga kgodiso ya yo o nyalwang.
Kgosi o supile fa go na le bangwe ba ba tsweletseng ka go tsaya bogadi jaaka motswedi wa papadi kgotsa sengwe se se ka dirang madi a mantsi ka nako e khutshwane.
A re bangwe ba dira dilo tse di fatlhang di akaretsa patlo ya madi kgotsa dithoto tse dintsi tse di felelang di retelela monyadi go di gorosa kgotsa di felele di mmakela mathata a dikoloto.
O bile gape a gakolola batsadi go nna keletlhoko fa ba duedisa bogadi, a tlatsa ka go supa fa bogadi jo bo feteletseng bo ka fela bo diga seriti sa lenyalo kgotsa go rotloetse go tlhagoga ga diphapaang fa gare ga banyalani.
Kgosi Motshwane o supile fa a sa itumedisiwe ke go golela pele ga manyalo a a sa rulagangwang ka fa molaong a gape a senang morero wa batsadi ba nnete.
A re o setse a amogetse dikgang tsa dikgotlhang tsa manyalo a di feta lekgolo mme bontsi jo bo amegang e le banana.
Motsadi mongwe, Mme Chedza Majase le ene o tshwaetse fa bogadi jo bo ko godimo bo ka dira ditlamorago tse di sa kgatlhiseng.
O bile a tlatsa ka go tlhalosa gore mangwe mabaka a a ka tswang a tlhotlheletsa dikgang tsa go nna mmogo ga batho ba sa nyalana e le one mabaka a go retelelwa ke go duela magadi a mantis a a lopilweng.
A re bogadi jo bo lopiwang mo malatsing ano, bo golela pele go felele go beile booramosimane ka fa mosing, ka jalo a re go molemo go baya seelo sa bogadi se se ka salwang morago ke botlhe.
Mo go tse dingwe, mothusa mogolwane wa mapodisi a Gerald Estates Assistant Superintendent Peter Masole a re bogodu jwa leruo, bogolo thata dikgomo bo tsweletse ka go golela pele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : Francistown
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 09 Dec 2015






