Bomme ba eme ka dinao
08 Dec 2015
Bomme kwa Tutume ba eme ka dinao go itirela.
Mme Chinungu Khunou, yo o dingwaga di masome a mararo le boferabongwe le Mme Annah Moseki yo o dingwaga di masome a mane le boferabobedi ba kaile gore mosadi o na le dithata tse di tshwanang fela le tsa borre.
Bomme ba ba sa leng ba felela fela ka dithuto tsa bone tse di potlana ba re botshelo ga bo motlhofo ka dinako tsotlhe.
Fa ba bua mo potsolotsong, ba ne ba bolela gore ba tsere boitseanape mo go ba bangwe ka Setswana se re dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe.
Ba tlhalositse gore ba sa le ba simolotse go bereka mmogo ka ngwaga wa 1992 morago ga go bereka ba thusa baagi kwa Tutume Brigade, ba dira ditena tse di diriswang ke baithuti ba tiro ya diatla.
Ba re morago ga go lemoga dikgwetlho tsa botshelo fa tiro e fedile, ba ne ba nna fatshe ba tswa ka leano la go itshetsa mme ba bona gore diatla tsa bone ke tsone di ka ba direlang.Mme Khunou a re ka tiro e ya gagwe o kgona go godisa bana ba gagwe a tswala phatlha e leuba le lekang go e dira mme a re lemmenyana le a le bonang le tsenya bana sekole.
Mme Moseki a re bomme ke ka sewelo ba iphitlhela ba dira ditiro tse di bokete jaaka tsa go duba taka ba bo ba bopa ditena.
A re mme tiro ya bone o e ratela gore e bogadi bo gaufi gape e na le barotloetsi ba le bantsi mme a re ba dira ka bopelokgale le bonatla jwa bone botlhe.A re ka letsatsi, ba dira dikgetsi tsa semente di le boferabobedi mme o ne a bua ka boitumelo a re bomme ba ititeye sehuba go tiisa itsholelo ya lefatshe leno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Setshege Muzila
Location : Tutume
Event : Potsolotso
Date : 08 Dec 2015






