Breaking News

Linchwe o kgalema tiriso bana botlhaswa

08 Dec 2015

Kgosi Mothibe Linchwe o boletse fa borukutlhi mo kgaolong ya Kgatleng bo ba apesitse kobo ka letshoba.

Fa a bua kwa mogwantong o o neng o rulagantswe ke sepodisi sa Kgatleng wa go lwantsha borukutlhi.

Kgosi Linchwe o tlhalositse fa borukutlhi bo le kwa godimo thata mo kgaolong ya bone a supa fa jo bo tshwenyang thata e le jwa tiriso ya bana botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo.

O boletse fa mokgwa wa go dira jalo o sa siama a kaya fa seo e le bosetlhogo thata mme o ne a kopa borre ba ba dirang jalo go emisa mokgwa oo.

A re go ngomola pelo go utlwa dikgang tsa mofuta oo, a tlatsa ka gore bangwe e bile ba na le mokgwa wa go dirisa bana ba bone botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo mme o ne a tlhagisa borre ba ba dirang jalo gore fa a ka tshwarwa o tlaa felela a isiwa kgolegelong.

Le fa go ntse jalo o ne kopa morafe  go ema kgatlhanong le jone ka go dirisana sentle le mapodise a bo a rotloetsa dikomiti tsa twantsho borukutlhi go dira ka natla.

Mo godimo ga mo, Kgosi Linchwe o gwetlhile mapodisi go tlhomamisa gore lenaneo la go aga sesha bao ba ba kileng ba dira melato ba le tseye tsia thata a tlatsa ka gore fa le ka tsewa tsia gongwe motlha mongwe borukutlhi bo tlaa nyelela.

Mogolwane wa sepodisi sa Kgatleng, Officer Commanding Gilbert Mathumo a re ba bone go tshwanela go dira mogwanto oo go tsibosa le go ruta setshaba ka borukutlhi le bodiphatsa jwa go inaakanya le go dira borukutlhi. 

A re malatsi a botsalo jwa morena le ngwaga o mosha a setse a le gaufi mme ba bone gape go le maleba gore ba o dire mo nakong eno a tlhalosa fa e le yone nako e mo go yone go diragalang ditiragalo tse dintsi tsa borukutlhi.

Mogolwane wa mapodisi o boletse fa ba tlaa bo ba ipapanne sentle mo malatsiang ao mme o ne a kopa kemonokeng ya morafe a supa fa ba ka seke ba kgone sepe ko ntle ga thuso ya bone go lwantsha borukutlhi jo bo ka  diragalang mo malatsiang  ao.

Mo go tse dingwe o ne a kopa batho botlhe ba ba tsayang mesepele go netefatsa gore ba laela baagisanyi ba bone go ba tlhokomelela matlo gore magodu a seka a utswa.

O ne gape a gakolola bakgweetsi go obamela matshwao a tsela dinako tsotlhe le go netefatsa gore dikoloi tsa bone di mo seemong se se siameng fa ba tsaya mesepele a tlatsa ka gore le batsamaya ka dinao le bone ba ikeletlhoko fa ba kgabaganya ditsela dinako tsotlhe.

Fa a wetsa mafoko a gagwem, Mathumo o kopile Bakgatla go itshwara sentle ka malatsi ao gore ba amogele ngwaga o mosha go sena makgwere ape.

Erile a fa malebo, mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Isaac Davids a leboga mapodisi a kgaolo ya Kgatleng ka go rulaganya mogwanto wa mofuta oo, a tlhalosa fa a eletsa gore o kare o ka dirwa kgwedi le kgwedi e bile o isiwa ko dikgaolong tse di farologaneng tsa Kgatleng.

A re o lemogile gore borukutlhi bo bontsi thata mo lefatsheng leno ka bophara a re ke jone jo bo laolang lefatshe leno mo metlheng ya gompieno mme o ne a kopa Batswana go ema kgatlhanong le jone a re go botlhokwa go bo laola go thibela go isa itsholelo ya lefatshe leno ko tlase. 

Mopalamente Davids o ne a bua a sa kgwe mathe ka dipolaano tsa baratani a supa fa mo kgaolong ya Kgatleng dikgang tseo di ba tshwenya thata e le bagolwane ba kgaolo.

O ne a rotloetsa borre go amogela seemo fa motho wa mme a fedisa botsala a tlhalosa fa go bolaya yo mongwe e se tharabololo mme ke go itsenya mo mathateng a a ka isang motho wa go nna jalo kwa kgolegelong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : Mochudi

Event : Mogwanto

Date : 08 Dec 2015