Breaking News

Ba le babedi ba tlhakafetse mo kotsing ya koloi

08 Dec 2015

Kotsi e gapile matshelo a batho ba le babedi  ka Labone fa diponeng tsa mosepele tsa Bokaa kwa Kgatleng.

Go ya ka mogolwane wa sepodisi sa Mochudi, Superintendent Olebile Sitale, kotsi eo e diragetse  ka Labone ka nako ya borobabongwe bosigo a tlhalosa fa koloi ya modiro wa Mazda Familia e e neng e pegile batho ba le bane e ne ya thulana le koloi ya mogobagoba e e neng e rwele semente.

Superintendent Sitale a re batho  ba ne ba ragosediwa kwa sepateleng sa Deborah Retief Memorial kwa dingaka di neng tsa rurifatsa fa  mokgweetsi wa Mazda familia yo e leng monna yo o dingwaga tse di masome a mabedi le borataro le ngwana wa gagwe wa ngwaga o le mongwe ba ne ba setse ba  tlhokafetse.

O tsweletse a re mokgweetsi wa koloi ya mogobagoba yo o dingwaga tse di masome a mabedi le borobabongwe ga a bona dikgobalo dipe a tlatsa ka gore bapagami ba le babedi ba Mazda ba santse ba robaditswe kwa DRM. Superintendent Sitale o boletse fa ba santse ba tlhotlhomisa gore ke mang wa bakgweetsi yo o sa obamelang matshwao a tsela.

A re mokgweetsi wa Mazda  o ne a nna kwa  Ledumadumane kwa Mogoditshane a tlatsa ka gore ga ba ise ba tlhomamise fa a ne a tlholega teng kana jang.  Ends

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : Mochudi

Event : Potsolotso

Date : 08 Dec 2015