Tweende e suga banana
08 Dec 2015
Lenaneo la Tweende le ntshitse tema ka jaana le tlhatlhelela banana ka dithuto tsa go itshimololela dikgwebo.
Lenaneo leo le rotloediwa ke makalana a a ikemetseng a akaretsa banka ya Barclays, Ngamiland Council of Non-Governmental Organisations (NCONGO), United Nations (UNAIDS), Project Concern International (PCI) le Botswana Family Welfare Association (BOFWA). Tweende, ke teme ya Sembukushu e e rayang gore a re yeng.
Mo potsolotsong, banana bangwe ba ba setseng ba akotse lenaneo leo, ba supile fa matshelo a bone a tokafetse thata ka jaana ba kgona go inosa metsi.
Mongwe wa banana, Rre Baemisi Matenge yo o dingwaga di masome mararo le botlhano wa Chanoga o boletse fa a simolotse ngwaga ono go itlhatlhelela ka tsa kgwebo. A re o simolotse a sa itse sepe gotlhelele ka kgwebo a tlatsa ka gore o tswa go fatlhololwa ke Tweende. Rre Matenge o simolotse kgwebo ya go rekisa matsela, dinkgisamonante le dimonamone mo mmolong.
Le fa go ntse jalo, Rre Matenge o boletse fa a ithutile go boloka bontlha bongwe jwa lemmenyana le a le selang letsatsi le letsatsi a tlatsa ka gore bontlha jo bongwe o kgona go itshetsa le gone go reka tse a ka tsholetsang kgwebo ya gagwe ka tsone mo isagong.
Rre Matenge o rotloeditse banana segolo jang ba ba sa direng gope go tsaya mananeo a tshwana le la Tweende tsia. A re ba ka nna le bokamoso jo bo eletsegang ga mmogo le gone go itlhamela ditiro.
O tlhalositse gape fa mananeo a thusa banana go ikgapha mo ditirong tsa botlhokatsebe jaaka go dirisa nnotagi phetelela, bogodu le tse dingwe.
Mongwe wa batsamaisi ba lenaneo, Mme Thato Mosweu o tlhalositse fa lenaneo le itebagantse le go tlhatlhelela banana mo dikarolong di le tharo ebong, thuto, ditiro le kgwebo.
A re ba lemogile fa banana ba tlhoka kemonokeng ga mmogo le go rutwa ka fa ba emelanang le dikgwetlho tsa botshelo. O tsweletse a re banana ba rutwa le gone go itlhokomela mo malwetseng a tlhakanelo dikobo jaaka HIV/AIDS.
Le fa go ntse jalo, Mme Mosweu a re banana ba ba setseng ba akotse lenaneo ga ba amege bobe mo ditirong tsa botlhokatsebe ka jaana ka ba tlhabilwe podi matseba ka diemo tsa botshelo. O tlhalosittse gape fa ba ne ba inaakanya le morafe go tsaya megopolo ka maikaelelo a go tokafatsa lenaneo leo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keagisitswe Dioka
Location : Maun
Event : Thuto puisano
Date : 08 Dec 2015






