Mokgatlho o amogela dimpho
07 Dec 2015
Team Group Holdings e supile mowa wa kutlwelobotlhoko ka go abela mokgatlho wa House of Peace Orphanage Shelter dikete tse tlhano tsa dipula le tanka ya metsi.
E rile a bua kwa moletlong wa kabo dimpho tse bosheng, mookamedi wa khamphani e, Rre Gina Devdevan a re ba bone go le botlhokwa go thologa mokgosi mokgatlho o ka o dira tiro e ntle ya go tlhokomela bana ba ba tlhokileng lesego ka go phuaganngwa kgotsa ba latlhegetswe ke batsadi.
Rre Devdevan o galaleditse thata mosemolodisi wa mokgatlho o, Mme Esther Mokgadi ka go supa mowa wa kutlwelobotlhoko mo baneng a re o dira tiro e ntle e e bonwang ke batho le Modimo.
E rile a tswa la gagwe mosemolodisi wa mokgatlho, Mme Esther Mokgadi a supa fa tiro e a e dirang e tsile e le pitso ya Modimo e bile a le motlotlo ka yone.
O supile fa ba sa tlhokomela bana go tswa mo Mogoditshane fela mme ba tsaya bana go tswa kwa mafelong a a tshwanang le bo Gabane, Kopong Mogoditshane, Tlokweng le a mangwe.
Mme Mokgadi o ne a supa fa ba na le dikgwetlho tsa letlhoko la madi, lefelo la bonno, mo go dirang gore mokgatlho wa bone o seka wa gola le go diragatsa maitlamo a bone.
Motsamaisi wa mokgatlho o, Rre Israel Gopolang a re ba thusa gape le bana ba ba duleng kwa dikoleng tse dikgolwane gongwe e le ka mabaka a ditagi kana boimana.
A re e tlaa re kgolong ya mokgatlho o, ba ikaelele go ikamanya le puso go isa bana ba kwa dikoleng tsa ithutelo ditiro tsa diatla go ba suga sesha.
Fa a tswala moletlo o, mopalamente wa kgaolo ya Gabane-Mmankgodi, Maj Gen. Pius Mokgware, o ne a kopa setshaba go thusa bana ba ba tlhokileng lesego ba a reng ke kgwetlho ya mongwe le mongwe go dira jalo.
O akgotse Team Group Holdings go bo ba supile mowa wa kutlwelobotlhoko mo baneng a tlatsa ka gore ke tiro e ntle ya go busetsa bontlha bongwe jwa ledi le ba le tsereng mo Batswaneng.
Maj. Gen. Mokgware o akgotse Mme Mokgadi go bo a boloka bana a re o ruta setshaba boikarabelo ka tiro e ntle e. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thusoyaone Sechele
Location : MOGODITSHANE
Event : Kabo-dimpho
Date : 07 Dec 2015






