Banni ba kgala batho ba ba sa ikemeleng ka dinao
07 Dec 2015
E re le ntswa puso e dule ka mananeo a a fetang dithapo tsa leselo go ka thusa go ntsha Motswana mo lehumeng, go lebega go santse go na le Batswana bangwe ba ba intshitseng bo atlhama ke go jese ba sa ikemele ka dinao go ka dirisa mananeo ao, go tila manokoko a lehuma.
Se se kgadilwe ke banni ba Lobatse mo bokopanong le lekgotla le le sa tswang go tlhomiwa bosheng ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama.
Lekoko le, le raletse lefatshe leno ka bophara go phutha megopolo e e ka thusang go loga lenaneo la tebelopele ya setshaba ya ngwaga wa 2036.
Fa a akgela morago ga go bewa pele mafoko ke moeteledipele wa lekoko le le neng le buisana le banni ba Lobatse, Rre Master Matlhaope ya gore ba batla Botswana yo o ntseng jang ka ngwaga wa 2036, moeteledipele wa pele wa komiti ya ditlhabololo tsa toropo, Mme Joyce Seleka a re ba eletsa go bona setshaba se se itirelang ba dirisa mananeo a a tlhomilweng ke puso ga mmogo le go tswa ka dikakanyo tse di faphegileng go ka tlhabolola matshelo a bone go na le go baya mo pusong e le nosi e a supileng e ka se kgone go rwala morwalo e le nosi.
A re mo ngwageng wa tebelelopele ya setshaba ya ngwaga wa 2036, Batswana ba tshwanetse gore ba bo ba itlhametse dikompone ka go farologana mme e bile ba kgona go di atolosetsa kwa mebarakeng ya mafatshe a mangwe. A re se se ka thusa go godisa itsholelo ya lefatshe leno.
Mo go tse dingwe, Mme Seleka a re ba eletsa go bona Batswana e le tshaba e e tlotlomatsang tumelo ya sekeresete, e a supileng fa e reketla ka ntlha ya go tlhoka neelano gareng ga mekgatlho ya dikereke mo lefatsheng leno.
Fa a tswa la gagwe, Rre Elias Rantleru o ne a fetisa mogopolo wa gore boeteledipele jwa lefatshe bo tshwanetse go tsaya maikarabelo ka dilo tsotlhe tse di amang setshaba sa Botswana a tlatsa ka gore ba tshwanetse go kgothatsa setshaba go itirela ka meamuso e lefatshe leno le setseng le na le yone go phekisana le mafatshe a mangwe.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : LOBATSE
Event : Bokopano
Date : 07 Dec 2015






