Breaking News

Citizen of Heaven e abela bagodi

07 Dec 2015

Kereke ya Citizen of Heaven kwa Kasane e abetse bagodi ntlo kwa kgotleng ya Senonnori kwa Maun.

Fa a bua kwa kabong ya ntlo eo bosheng, moruti wa kereke eo, Rre Dan Job o tlhalositse fa ba kopane le Mme Molyera Ndana yo o dingwaga tse di masome a ferang bongwe le boraro yo o nnang le morwadie, Mme Rumbe Sethotho yo o dingwaga tse di masome a marataro le borobabobedi ngwaga o kereke e neng etetse Maun.

A re bomme ba ba ne ba nna mo ntlong ya seemo se se sa kgatlhiseng, ka jalo kereke ya tsaya tshwetso ya go thusa.

O ne a tlhalosa fa ba ne ba ikuela kwa khamphaning ya River Nest gore ba tshwaraganele tiro ya go thusa bagolo ba. Moruti Job a re ba ne ba kokotletsa madi a ba a tshwara P20 000 ba bo ba a dirisa go aga ntlo.

A re ba simolotse go e aga ka Ngwanatsele mme ba tsere beke ka ba ne ba batla go e fetsa pele ga dipula di gatelela.

Moruti Job o ne a rotloetsa mowa wa bopelotlhomogi le tirisano mmogo mo Batswaneng.

A re ke nako ya gore Batswana ba emise go supa puso ka monwana ba re ga e ba tlhokomele ka puso e ka seke e kgone e le nosi. Kereke e ne gape ya abela bagolo ba le lesome ba kgotla dijo. Mokhanselara wa Boro/Senonnori, Rre Kenson Kgaga o ne a akgolela kereke le ba River Nest se ba se dirileng. a bo a rotloetsa baamogedi ba ntlo gore e tlhokomelwe.

A re le fa kgaolo ya gagwe e lebaganwe ke dikgwetlho tse dintsi tsa tlhabololo, ba itumelela dithuso tse ba di bonang go tswa mo makalaneng a a farologaneng.

“Re setse re amogetse dimpho tse tharo mo kgweding e nngwe fela,” a tlhalosa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gomolemo Kwenaemang

Location : MAUN

Event : Kabo-ntlo

Date : 07 Dec 2015