Breaking News

Banni o kopiwa go thusa sekole

07 Dec 2015

Morafe wa Kgaolo ya Nhabe o kopilwe go tsenya letsogo mo go ntsheng dithuso tse di ka thusang bana ba sekole sa bananyana sa Motse wa Tsholofelo gore le bone ba nne le bokamoso jo bo itumedisang.

Seo se boletswe ke molomaganya ditiro kwa lekalaneng la Maatla, Mme Setshwano Gaosenkwe, fa a ne a bula semmuso letsatsi la go ipelela keresemose le go laelana le dialogane tsa sekole seo ka Labotlhano.

Sekole sa Motse wa Tsholofelo ke sa bana ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi ba sa le ba botlana le bao ba botshelo bo leng bokete kwa malwapeng a bone.

Mme Gaosenkwe a re go thusa ga se ga madi fela mme motho o ka dirisa diatla tsa gagwe go thusa bana bao le gone go ba naya lorato ka go ba tlhola.

A re o tlhaloganya sentle gore batsadi ba tshwenyega ka gore bana fa ba gola ba tlaa nna eng mo botshelong, mme a re ba tshwanelwa ke go nna ba itumelela se bana bao ba leng sone mo bogompienong a tlatsa ka gore lorato fela ke lone le ka ba thusang gore ba ka nna eng fa ba gola.

O tsweletse a kopa batsadi ba ba neng ba tsenye moletlo oo go nna ba ipela fa ba tsenye meletlo ya bana segolo jang ka ba bona tiro e ntle e e dirwang ke bana bao, a re seo se ba bontsha fela gore ke bone megaka ya kamoso.

O kopile batsadi go nna le botsalano jo bo tseneletseng le bana bao bogolo jang jo bo ka agang bana bao.

Mma Gaosenkwe o bile a re o eleletsa bana bao bokamoso jo bo phatsimang gore ba gole ba na le ditoro tse di rileng le go itse fa thuto e le botlhokwa e bile e ka ba isa gologongwe.

Fa a ntsha la gagwe modulasetilo wa BOCAIP Mme Tuduetso Segosebe o kopile batsadi go emisa go kgoba le go sa neeleng bana bao lorato, a re go dira jalo go kgatlhanong le thato ya Modimo.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : MAUN

Event : Letsatsi la go ipelela keresemose

Date : 07 Dec 2015