Breaking News

Ba re ngwaga o monamagadi

07 Dec 2015

Fa basha ba lepa seemo sa bosa le dipaka ka tiriso ya maranyane, mabutswapele bone ba lepa ka ditsatlholego ba bo ba ka bolela gore ngwaga ono dipaka di tlaa tla di ntse ka tsela e e ntseng jang.

Ba re ditsatlholego di akaretsa dinaledi, ngwedi, letsatsi le ditlhare gareng ga tse dingwe di tlhalosa dipaka tsa ngwaga ka botlalo.

Rre Legapu Modise,yo o dingwaga tse 81 kwa Sefhare, o ne a bua mo potsolotsong gore ka gotwe tsholofelo ga e tlhabise ditlhong, o santse a na le tsholofelo e ntsi thata gore go tlaa dika go jewa go bo go latlhwa.

Rre Modise a re o na le tumelo ya gore le ntswa pula e tsile morago ga nako, fela e santse e tlaa na mo go kgotsofatsang gore go lengwe.

A re fa leru le le bidiwang matlakadibe le tswa kwa borwa ja lefatshe leno le bo le nesa pula ka sefako go ya kwa bokone jwa lefatshe, e le yone pula ya ntlha mo ngwageng, seo ke sesupo sa ngwaga wa kgora.

A bolela gore mme e tlaa re leru leo le sena go wela kwa bokone le bo le boa gape le ya borwa mme jaanong le nesa pula ya medupe, ka jalo a re ka mono ngwaga pula e simolotse ka sefako go tswa kwa borwa o santse a solofetse go le gontsi.

Rre Modise a re selo se segolo e le go rapela le go obamela meila gore seemo se seka sa fetoga.

Rre Modise a re fa go setse go simolotswe temo, go na le ditlhare tse di sa tshwanelang go rengwa jaaka tsa mokgalo, mosetlha le mogonono ka go dumelwa gore fa di rengwa lefatshe le a setlhafala.

A re dicheru le tsone ga di a tshwanela go thulwa paka ya thobo e ise e wele ka bagologolo ba dumela gore go di thula go bitsa letsatsi le legolo.

Mme Ogolotse Mokatane, yo o dingwaga tse 78, a re le ene o na le tsholofelo ya gore go tlaa dika go jewa mpa mpolae.

Mme Mokatane o ne a supa gore ngwaga ono ditlhare di akaretsa motlopi, motetane le morobe di ungwile thata mme a re seo se supa thobo e e nametsang. ENDS

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : SEFHARE

Event : Potsolotso

Date : 07 Dec 2015