Breaking News

Kabo ditlhare e rotloetsa botsalano

07 Dec 2015

Kgaolo ya Bokone Botlhaba e tsweletse ka go akola mpho ya ditlhare tse di akaretsang tsa meriti le maungo go tswa mo mokgatlhong wa Friends of the Environment (FOTE) go tswa Zimbabwe.

E ne ya re kgwedi eno e le malatsi mane, maloko a FOTE a patilwe ke ba ofisi ya boemedi jwa lefatshe leno kwa Zimbabwe, ba abela kgaolo eo ditlhare di le 500 go jalwa mo makalaneng mangwe a kgaolo.

Kabo ya ditlhare tseo e tla jaana morago ga dikgwedinyana, mokgatlho oo o sena go abela kgaolo ya Bokone Botlhaba ditlhare di le sekete, tse di neng tsa rolelwa kgaolo mo moletlong o o neng o tshwaretswe kwa Masunga ka Moranang.

Fa a bua kwa tholong ya ditlhare tseo kwa Jackalas No 1, moemedi wa lefatshe leno kwa Zimbabwe, Rre Kenny Kapinga o ne a re kabo eo ya ditlhare, e seka ya lejwa e le ya go rotloetsa go jalwa ga ditlhare fela ka e na le seabe se segolo mo go rotloetseng le go aga botsalano magareng ga lefatshe leno le la Zimbabwe.

Rre Kapinga a re go bo mokgatlho oo o tsweletse ka go aba ditlhare go supa botsalano jo bo nitameng magareng ga lefatshe leno le la Zimbabwe.

O ne a tlatsa ka go re botsalano joo, bo supiwa ke go lalediwa ga ofisi ya gagwe ke ba FOTE mo mosepeleng wa bone o o simolotseng Sedimonthole a tlhola letsatsi, wa go tsamaya ka dinao go tswa Bulawayo go ya Plumtree ba jala ditlhare.

A re mme o ne a ba kopa go atolosetsa mosepele wa bone mo lefatsheng leno kwa Jackalas No 1, ka jalo ba atla mogopolo oo. Rre Kapinga o ne a bolela fa a itumedisiwa ke tirisanyo mmogo le mowa o montle o banni ba Zimbabwe, go balelwa le maloko a FOTE ba tsweletseng ka go di neela ofisi ya gagwe.

E re ka jaana go kaiwa fa ditlhare di le botlhokwa thata mo matshelong a batho ka ditsela di le mmalwa, Rre Kapinga o ne a gwetlha banni ba Bokone Botlhaba go sola molemo mpho eo ya ditlhare.

Fa a lekodisa batsena moletlo ka mokgatlho wa bone, modulasetilo wa FOTE, Rre Tendayi Kanjanda o ne a supa fa e le mokgatlho o o ikemetseng, o o agilweng ke beng ba dikgwebo ka go farologana ka maikaelelo a go babalela tikologo.

A re mokgatlho o itebagantse le go rotloetsa jalo ya ditlhare ga mmogo le go tsibosa batho ka botlhokwa jwa tsone mo matshelong a bone, a tlatsa ka go re ba ikaelela gore ka 2026 ba bo ba jetse ditlhare di le 500 million.

Mokwaledi wa khansele ya Bokone Botlhaba, Rre Charles Amos o ne a lebogela mpho eo, a kaya fa e le tshegofatso e kgolo mo kgaolong.

A re e bile tiro eo e thusitse kgaolo ya bone go tla ka maano a go sireletsa tikologo.

A re ba FOTE ke barongwa ba Modimo, ba ba ikemiseditseng go tsweledisa matshelo a batho, gape batho ba tshwanetse ba itse fa go se na ka fa ba ka tshelang ka teng ntle le ditlhare.

A re mokgatlho oo, o dira namane e tona ya tiro ya go sireletsa tikologo ka jaana tikologo e e sa sireletsegang e angwa bobe ke phetogo ya loapi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : JACKALAS NO 1

Event : Tholo ya ditlhare

Date : 07 Dec 2015