Breaking News

Ditlhapi di a swa kwa Thune

07 Dec 2015

Mapodisi a Bobonong a tlhagisa setshaba gore ba emise go tshwara le go ja ditlhapi tsa letamo la Thune ka di a swa, mme go sa itsewe se se di bolayang.

Ramapodise wa kgaolo e, Superintendent Paul Seoko a re ba amogetse pego e e supang fa ditlhapi kwa letamong leo di simolotse go swa Ngwanatsele a tlhola malatsi a le lesome le boferabongwe mme mo sebakeng seno ga go ise go itsiwe se se di bolayang.

Rre Seoko o boletse mo potsolotsong gore bontsi jwa ditlhapi bo sule, mme a tlhagisa setshaba go emisa go ja ditlhapi tse ba sa itseng botsogo jwa tsone, bogolo jang tse di tshwerweng kwa Thune.

A re ba lephata la diphologolo le makgabisanaga ba tsere masalela a dingwe tsa ditlhapi le metsi go ya go tlhatlhojwa go bona gore matsapa di a tsaya kae.
Rre Seoko a re go ja ditlhapi tseo go ka nna borai.

O supile fa go jewa ga ditlhapi go atile mo kgaolong eo, bogolo jang tse di tshwarwang kwa Thune. Superintendent Seoko a re e le mapodise ba begetswe ka go swa ga ditlhapi kgwedi eno e tlhola gane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : BOBONONG

Event : Pego ya mapodise

Date : 07 Dec 2015