Ba kopilwe go bua ka ditlhabololo
07 Dec 2015
Batswana ba kopilwe gore ba seka ba lebelela matshwenyego thata fa ba baakanyetsa tebelopele ya 2036, mme ba bue thata ka ditlhabololo.
Go kopile jalo Kgosi Mothusi Tsetse wa Otse mo kgaolong ya Borwa Botlhaba fa a amogela batsena phuthego ya lekoko la 2036 bosheng.
Kgosi Tsetse o supile fa tebelopele ya setshaba ya 2016 e fela ngwaga o o tlang, ke ka moo Tautona a ntshitseng lekoko go baakanyetsa tebelopele ya 2036, gore Batswana ba ntshe megopolo gore ba eletsa gore lefatshe le bo le ntse jang ka ngwaga oo.
Mongwe wa lekoko leo, Mme Sarah Dibe o ne a supa fa ba na le dipotso tsa konokono tsa bo gore; Batswana ba eletsa go aga Botswana yo o ntseng jang ka 2036; ba eletsa Motswana e bo e le motho yo o ntseng jang le gore, gore ba kgonne ditoro tsa bone, go tshwanetse ga dirwa eng, ke mang?
E rile ba tswa la bone, Balete ba supa fa ba eletsa gore lefatshe leno le bo le se na borukutlhi.
Ba supile fa gape ba eletsa gore puso e itebaganye le lehuma la tlala le la tlhaloganyo, bogolo segolo mo bathong ba ba thusiwang ke puso ka dijo.
Ba kopile gape gore puso e netefatse gore mananeo a a leng teng a a diragadiwa. Ba supile fa gape ba kopa puso go oketsa dikatso tsa badiragatsi, bogolo thata ba ba dirang ka ditlhopha, ka jaana dikatso tseo di sa ba solegele molemo, ka jaana ba tshwanetse go di kgaogana le go di dirisa mo mesepeleng.
Ba supile fa gape ba batla gore puso e bo e ithotse ditiro tse dingwe e di neetse Batswana, ba bo ba kopa gore ngwao e seka ya nyelela sekgoa se se buiwang mo thelebishining ya Botswana se fokotsege thata, mme go dirisiwe Setswana se se tlhapileng ga mmogo le mo pampiring ya DailyNews.
Ba kopile gore sephatlo sa pampiri ya DailyNews go kwalwe dikgang tsa Setswana e bile e le tsa lefatshe leno gore ba ba sa itseng sekgoa ba kgone go ipalela dikgang tsa Setswana.
Ba kopile gape gore thelebishene e kgaoganngwe, go nne le e e itebagantseng le bodiragatsi fela, ka jaana e e teng e sa kgone go tsenya dilo tsotlhe.
Ba kopile gore thuto ya Botswana e nne le mosola mo bathong, le gone gore batsadi ba nne le seabe se setona mo thutong ya bana. Ba kopile gore puso e tsenye leitlho mo bathong ba ba tlhokafaletsweng ke ba masika, ka jaana ba dirisa madimadi mo dintshong, mme se se felele se ba okeletsa lehuma.
Ba kopile gape gore bomme ba itsee tsia mo go tsa sepolotiki, ba supa fa bomme ba na le go ikgogona go emela setshaba mme ba na le bokgoni. Ba supile gape fa ba eletsa gore Batswana ba bo ba le tshaba e e itirelang, ba ijesa, ba tshephana, ba tshwaragane e bile ba fokoditse go tlhapatsana ka go se na mosola.
Ba boletse gape fa ba eletsa gore magosi ba seka ba emela maemo a sepolotiki ka jaana a ba diga seriti le go kgaoganya morafe, mme se se ka kgonega fa puso e ka ba okeletsa dithata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : OTSE
Event : Phuthego
Date : 07 Dec 2015






