Breaking News

Kgokgontsho e butse Mokhukhula matlho

07 Dec 2015

Kgokgontsho e Rre Sunny Mokhukhula yo o dingwaga tse di masome a mararo le boferabobedi  a e raletseng ga mmogo le dikgwetlho tsa botshelo di mmutse matlho, tsa mo fa botsipa le botlhale jwa go bona gore o fetola jang botshelo jwa gagwe.

Rre Mokhukhula, yo o tlholegang kwa Marobela, o tlhalositse mo potsolotsolong bosheng fa tsela ya botshelo jwa gagwe e ne e tletse disana.

A re o godile go le thata e bile go se monate, a tlatsa ka gore o ne a sa solofela gore o ka bo a le mo botshelong ka nako ya gompieno.O tlhalositse fa a feletse ka lekwalo la bosupa mme e bile e ne e se maikaelelo a gagwe go bo a feletse foo.

E re le ntswa dithuto tsa gagwe di feletse foo, Rre Mokhukhula o supile fa a sa kgona go kwala lekwalo leo ka mabaka a kgokgontsho e e neng ya mo koba le mo lwapeng go ya go ipatlela tiro.

A re ka ngwaga wa 1991 o ne a ya go bereka kwa Serowe mo Phuthi Bakery a apaya borotho, mme ya re ka ngwaga wa 1998 a ya go bereka gape kwa Sefitholo Bakery kwa a neng gape a tlogela.

O supile fa a ne a fudugela kwa Masunga ka ngwaga wa 2003 go batla mafulo a matalana.

O tladitse ka gore ka ngwaga wa 2003 go fitlha ka wa 2007, o ne a bona tiro mo lebentleleng la Dikgomo kwa Masunga a ntse a apaya borotho mme ya re gone ka ngwaga wa 2007 a tlogela mo Dikgomo ka a ne a latlhegelwa ke pono a theogetse.

O  tlhalositse fa a ne a foufala dikgwedi di le thataro, mme ya re morago fa a sena go fola, ka ngwaga wa 2010 a bona tiro gape mo lebentleleng la Choppies kwa le gone a ne a felela a tlogela monongwaga ka kgwedi ya Phatwe.

A re pele fa a tlogela tiro mo lebentleleng leo, Rre Mokhukhula o supile fa ka kgwedi ya Moranang  a ne a simolola go rekisa di sammusa phakela le phakela pele fa a ya tirong  ka a ne a theogela ka nako ya lesome le bongwe.

A  re se a se ikotlhaelang ke go nna maoto a tshupa go simolodisa kgwebo ya gagwe gone ka ngwaga wa 2003 fa a goroga mo Masunga mme e bile a tlatsa ka gore o dumela fa a ka bo a le kgakala le mokhukhu a setse a o ipeetse.

A re  kgangkgolo e ne gape e le go tlhoka go nna pelotelele. Rre Mokhukhula a re fa e ne e le yo mongwe o ka bo a setse a iphile kgole ka tota a ne  a itlhobogile e bile a sa bone mosola wa go tshela. Morago ga go bona kgwebo jaanong e nna le letsenonyana a dirisa kitso ya gagwe ya go apaya borotho, a simolola go apaya borotho jwa mopako le di meat balls.

E re ka jaanong kgwebo e ne e gola, o tlhalositse fa a ne a batla lefelo fa a ka tlhomang kgwebo ya gagwe teng mme ga retela a bona go le botoka gore a dirise dinao tsa gagwe, go tsena ntlo le ntlwana a rekisa dijo tsa gagwe.

O tladitse ka gore o ne a bona thotloetso e ntsi kwa sepateleng se segolwane sa Masunga mme a tlhwaafala gore le bone ba bone fa tota a batla go fetola botshelo jwa gagwe.

O supile fa a tsoga ka nako ya boraro moso le moso go apaya borotho mme fa e re nako ya borataro o a bo a feditse go dira sengwe le sengwe.“Tota botshelo bo thata e bile bo bokete bo batla motho a ikemela ka dinao,” ga bua Rre Mokhukhula.

E re le ntswa e se mang le mang a ka tsamayang a rekisa dijo mo mebileng segolo jang batho ba borre, Rre Mokhukhula o supile fa go mmerekela mme e bile a dira madi a a lekaneng go ka itshetsa ga mmogo le go tlhokomela  mmaagwe.A re go tlhokomela lelwapa la gagwe go tla pele e bile go mo maruding a gagwe go bona gore ga ba lale ka tlala.

O tlhalositse gape fa kgwebo ya gagwe e tsamaya fela sentle le ntswa e mo lapisa ka e mo tsamaisa thata mme e bile a supa fa jaanong a batla go ithekela kiribana go atolosa kgwebo ya gagwe le go apaya dijo tse dingwe.

Mongwe wa barotloetsi ba gagwe e bile e le mmereki mo sepateleng sa Masunga, Rre Gaolese Moradu o supile fa a rata dijo tsa ga Rre Mokhukhula fela thata e bile di goroga ka nako.

A re ba mo lenaneong la go dira moletlo mo tirong ba bo ba mo kopa gore a ba direle di meat balls ka e bile di le tlhwatlhwa tlase. Rre Moradu o tlhalositse gape fa Rre Mokhukhula a tsisa dijo di santse di le bothitho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 07 Dec 2015