Talente e tshedisa Mojobe
07 Dec 2015
Mme Ednah Mojobe wa dingwaga tse di masome a marataro le bobedi yo o tlholegang kwa Tutume mo kgotleng ya Thini a re o itshwareletse ka talente ya gagwe ya botaki go dira dinkgwana le go loga.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Mojobe, yo o nang le bana ba le bane, a re botaki jwa gagwe bo bula dikgoro tse dikgolwane go fetisa ka fa a neng a gopotse ka teng.
O ne a tlhalosa gore kwa tshimologong o ne a dirisa talente ya gagwe nako e ntsi fa a itlosa bodutu kgotsa a hubile maoto morago ga go bereka thata.
A re o ne a bereka e le mophepafatsi kwa matlong a badiri ba khamphani ya diteemane ya Debswana kwa Gaborone.
A re fa a tlogela tiro o ne a boela gae go nna molemi-morui, a nna a itisa ka go diragatsa talente ya gagwe, mme baagi ka ene ba ne ba mo kgothatsa ba bo ba rata tiro ya gagwe ya botaki le go kgabisa.
Mme Mojobe a re o ne a itemogela gore o ka bona lemmenyana ka batho ba ne ba nna ba mo kopa go ba rekisetsa mme go rekisa ga gagwe go ne ga mo gwetlha go tsweledisa a taka a bo a kgabisa ka tsotlhe tse a ne a bona di ka mo tswela mosola.
A re o dirisa dipampiri tse di kgologolo le meteme e e sa berekeng mme o inela dipampiri mo metsing morago a tsenye motswako e e farologaneng jaaka bopi jwa borotho go loisa gore a kgone a dire dinkgwana tsa gagwe ka mekgabisa e e farologaneng.
A re fa dinkgwana le mekgabisa e mengwe e sena go oma, o dirisa metako ya mebala e e farologaneng gore tseo a di dirileng di kgatlhe bareki, mme a re o rata thata go kgabisa ka mebala ya folaga ya lefatshe la Botswana.
Mme Mojobe a re mebala ya Botswana e e kayang kagiso e na le melaetsa e a e kwalang mo mekgabiseng ya gagwe, mme o gateletse thata mo maitlamong, dikeletso le tebelopele ya lefatshe la Botswana.
O boletse gore o tshwareletse kwa Ipelegeng gore a bone lemmenyana la go kgona go nna le dituelo tsa diterekere a tle a leme makgomane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Setshege Muzila
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 07 Dec 2015






