Breaking News

Kotsi e gapile matshelo kwa Bokaa

07 Dec 2015

Kotsi e gapile matshelo a batho ba le babedi fa diponeng tsa mosepele tsa Bokaa.

Go ya ka mogolwane wa sepodisi sa Mochudi , Superintendent Olebile Sitale o boletse fa kotsi eo e diragetse Labone (03-12-15) ka nako ya borobabongwe bosigo a tlhalosa fa koloi ya modiro wa Mazda familia e e neng e pegile batho ba le bane e ne ya thulana le koloi ya mogobagoba e e neng e rwele semente.

Superintendent Sitale a re batho  bao botlhe  ba ne ba ragosediwa kwa sepateleng sa Deborah Retief Memorial mo Mochudi ko dingaka di ne tsa rurifatsa fa  mokgweetsi wa mazda familia yo e leng monna yo o dingwaga tse di masome a mabedi le borataro le ngwana wa gagwe yo o ngwaga o le mongwe ba ne ba setse ba  tlhokafetse.

O tsweletse a re mokgweetsi wa koloi ya mogobagoba yo o dingwaga tse di masome a mabedi le borobabongwe ga a bona dikgobalo dipe a tlatsa ka gore bapagami ba le babedi ba Mazda Familia ba mogolwane wa mapodise a tlhalositseng fa e le mosadi le mmagwe ba santse ba robaditswe ko DRM.

Superintendent Sitale o boletse fa ba santse ba tlhotlhomisa gore ke mang mongwe wa bakgweetsi yo o sa obamelang matshwao a tsela a tlatsa ka gore mongwe mo go bone o ne a tsenelela dipone tsa mosepele.

A re mokgweetsi wa Mazda Familia yo o tlhokafetseng  o ne a nna ko  Ledumadumane ko Mogoditshane a tlatsa ka gore ga ba ise ba tlhomamise fa a ne a tlholega teng kana jang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : MOCHUDI

Event : Potsolotso

Date : 07 Dec 2015