Breaking News

Khan o gwetlha borre go godisa bana ba bone

07 Dec 2015

Mopalamente wa Molepolole Bokone Rre Mahommed Khan o gwetlhile borre go nna le seabe mo kgodisong ya bana ba bone. 

O buile jalo mo moletlong wa go ipelela botsogo jwa bana o o neng o rulagantswe ke kokelwana ya Boswelakoko mo Molepolole .

O gwetlhile  borre go nna le seabe mo kgodisong ya bana ba bone ka go ba isa kwa kokelong kgotsa sekaleng le go tsaya melemo e e ba sireletsang mo malwetseng. 

Rre Khan o bile a re batsadi ba tshwanetse go kopa dikgakololo mo go ba botsogo mabapi le dijo tse ba ka di fang bana bogolo jang tse di nang le dikotla gore bana ba bone ba seka ba tshabelelwa ke malwetse.

A re bana ke bokamoso jwa lefatshe leno mme a re ba tlhoka go tlhokomelwa ka mo isagong ba tlaa tshegetsa lefatshe leno.

Rre Khan o ne a tswelela a galaletsa kokelwana e ka maiteko a yone a go anamisa melaetsa ya botsogo kgapetsa-kgapetsa ka ditsela tsotlhe tse di kgonegang, mme a re se se thusa go tokafatsa matshelo a banni ba kgaolo. 

Fa a tswa la gagwe modiri mo ofising ya metshameko e e faphegileng, Mme Mmapula Akambakamba o rotloeditse batsadi go letla bana go akaretsa ba-na-le-bogole go tsenelela metshameko bogolo jang fa ba le ko tlase ga dingwaga tse tlhano.

A re go tshameka go thusa go sidila mmele e bile go ka thusa motsadi go lemoga bogole jwa ngwana jwa kutlo, pono le jone jwa mmele tota mme a kgone go tsaya kgato e e maleba nako e sa le teng.

Fa a tlhalosa ka maikaelelo a letsatsi le, mogolwane wa kokelwana eo Mme Lesedi Moeti o tlhalositse gore letsatsi le le ne le rulagantswe go rotloetsa borre go nna le seabe mo botsogong le kgodiso ya bana ba bone. 

O tsweletse a re ka letsatsi le ba rotloetsa batsadi go fa bana lorato le tlhokomelo e e tlhokafalang mo kgolong ya bone ga mmogo le go fokotsa dikgang tsa kgokgontsho ya bana jaaka go dirisiwa botlhaswa, titeo le tse dingwe. 

Mme Moeti o ne gape a gakolola batsadi go seka ba tlodisa bana sekale ba ile medirong e tshwana le manyalo a re botsogo jwa ngwana bo tla pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Montshwari

Location : MOLEPOLOLE

Event : Moletlo wa go ipelela botsogo jwa bana

Date : 07 Dec 2015