Motlhala wa Saint Maria Aphord o papametse - Seretse
07 Dec 2015
Moemedi wa pele wa lefatshe la Botswana kwa Amerika Mme Tebelelo Seretse o akgoletse kereke ya Saint Maria Aphord Church gore e bo e na le motlhala o o ka salwang morago.
Mme Seretse o buile se kwa tirelong ya go kokoanya madi ya kereke eo bosheng.
A re lefatshe la Botswana le wetswe ke seru sa go tlhagoga ga dikereke tse medi ya tsone e sa tlhaloganyesegeng. Mme Seretse a re lefatshe la Botswana le file batho ba lone ditshwanelo tsa go obamela medimo ya bone ga mmogo le go amana le mekgatlho e ba e ikgethetseng.
Moemedi wa pele o ne a tlhalosa fa pele dikereke dingwe di ne di sa letlelelwe mo lefatsheng leno.
A re go letlelela batho go itirela dikereke go dirile gore bontsi bo tsietse ba bangwe ka leina la Modimo.
Mme Seretse o ne a kgothatsa boeteledipele le baphuthegi ba kereke ya Saint Maria go tswelela ba tshegeditse tsamaiso ya kereke ya bone.
Mme Seretse o ne a re tsamaiso ya bone ya go thusa batho ka merapelo ntle le go lopa sepe mo go bone ke selo se se siameng fela thata. Mme Seretse o ne a tswelela a rotloetsa setshaba go nna podimatseba ka madi a mantsi a ba a lopiwang ke dikereke.
O tladitse ka gore Batswana ba seka ba nyatsa tumelo ya mono gae le dikereke tse di tlholegang mo Botswana. A re seo se ka itsa go senya madi a mantsi a a dirisiwang go latela dikereke tse di ko ntle ga Botswana.
Mme Seretse o rotloeditse batsadi go godisetsa bana mo tumelong ya Modimo.
A re seo se ka dira gore boitsholo jwa bana e nne jo bo amogelesegang mo setshabeng.
Tirelo e ya go kokoanya madi mo kerekeng eo ya Saint Maria e ne e itebagantse le go dira dikago tsa kereke. Fa a ntsha la gagwe, moruti Modiredi Otukile a re moono mogolo wa go aga kereke ke gore ba batla go tsisa seriti mo thapelong.
Moruti Otukile o kaile fa go tsenela ditirelo tsa kereke mo patlelong go ne go nyenyafatsa seriti sa thapelo le kobamelo Modimo.
Rre Otukile o kaile fa ba le mo thulaganyong ya go feleletsa dikago tsa dikereke tse pedi. A re kereke e nngwe e ko motseng wa Dikukuru e ntse e le mo kgaolong ya Legare fa e nngwe e le mo Serowe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : ItumelengGabosekwe
Location : SEROWE
Event : Tirelo ya go kokoanya madi
Date : 07 Dec 2015






