Breaking News

Stepping Stones e ruta bana

07 Dec 2015

Lekgotla le le ikemetseng ka nosi la Stepping Stones mo Mochudi le ikopantse le lephata la thuto go thusa bana ba New Xade ko kgaolong ya Ghanzi go ba ruta maele a botshelo.

Fa a bua mo potsolosong le BOPA ka Labobedi mongwe wa bagolwane ko Stepping Stones Mme Tinny Seitei o boletse fa bana ba le masome a mararo le boraro ba ba dingwaga tse di lesome le bobedi go ya  ko go tse di lesome le borobabobedi ba tsile ithutuntshong mo Mochudi.

Mme Seitei o boletse fa maikaelelo a ithutuntsho eo e le go ruta bana bao go kwala le go bala a tlhalosa fa bontsi jwa bone ba sa tsene sekole a tlatsa ka gore ba tlaa bo ba rutiwa le go dira ka diatla gore ba kgone go itshetsa.

A re ba dira seo morago ga gore ba lephata la thuto ba ofisi ya  Gaborone ba kope thuso ya bone ya go ruta le go tsibosa bana bao ka botlhokwa jwa sekole.

O tlhalositse fa ba ya go tsaya malatsi a le matlhano ba le mo Mochudi mme ba rutuntshiwa  ba na le bana ba Stepping Stones ba ba mo Mochudi a tlatsa ka gore ba tlaa bo ba rutana dingwao tsa merafe ya bone.

Fa a bua ka kgolagano ya bone le ba lephata la thuto, Mme Seitei o tlhalositse fa ba lephata leo ba ne ba tla ko go bone morago ga go lemoga gore Stepping Stones e tsamaisa sentle lekgotla la bone segolo thata mo go ageng banana.

A re lephata la thuto le ne la ba kopa gore ba dirise diofisi tsa bone tse di ko motseng wa New Xade go le fetola le  bana ba ba tlhokomelelwang mo go lone le go ba ruta maele a botshelo.

Seitei o ne a tshwaela a re go ne go se motlhofo fa ba simolola, a kaya fa bontsi jwa bana bao ba ne ba sa tsene dikole ebile ba sena kgatlhego epe a tlatsa ka gore mme ka kemonokeng ya bogogi jwa motse oo ba ne ba kgona go tsaya bana bao.

A re ba ne ba ikopanya le batsadi pele go bua le bone a supa gore le bone ba ne ba le bete semolangwana mme ba ne ba felela ba dumetse gore bana ba thusiwe.

O tsweletse a re ba ile ba lemoga gape gore bontsi jwa bana ba ne ba sena ditlankana tsa matsalo le batsadi ba sena dikarata tsa Omang mme ka thuso ya ofisi ya boipelego ko motseng oo ba ne ba kgona go ba direla.

Fa a tswa la gagwe mongwe wa badiri ba Stepping Stones kwa New Xade Mme Olebogeng Xukuri o ne a supa fa lekalana leo le thusitse bana thata a tlatsa ka gore le boitshwaro jwa bone bo setse bo fetogile.

A re bontsi jwa bana ba setse ba kgatlhegela thuto mme bangwe ba setse ba kopetswe diphatlha mo dikoleng ka go farologana go ya go tsweledisa dithuto tsa bone.

A re le bone kwa kgaolong ya bone ba bone ditiro gone ko Stepping Stones a tlatsa ka gore babereki botlhe ke ba motse wa New Xade a supa fa ba leboga lekalana leo thata.

Le fa go ntse jalo Mme Xukuri o ne a tlhalosa fa ba na le kgwetlho ya sepagamo fa ba batla go ya Ghanzi,a bolela fa ba sena koloi mme o ne a kopa makalana a mangwe go ba thusa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : MOCHUDI

Event : Potsolotso

Date : 07 Dec 2015