Boeteledipele ke namane e tona ya tiro
07 Dec 2015
Boeteledipele ga se kgetsi e e motlhofo mme e kailwe e na le beng ba yone.
Seno se boletswe mo moletlong o o neng o tshwerwe bosheng ko magosi a neng a kokoane go golola mongwe ka bone Kgosi Jenamo Magapatona ka a leboga tiro ya gagwe ya bogosi.
Fa ba mo boka jaaka pula ya medupe, mongwe wa magosi gape e le mookamedi wa lekgotla la boikuelo la Setswana, Kgosi Christopher Masunga, o ne a re mogaka o tlogetse a adile moalo wa sennela ruri.
Kgosi Masunga o ne a re ba palo potlana ba ba ka dirang tiro e Kgosi Magapatona a e dirileng mme a re kgosi ke mogaka gareng ga bagaka.
O ne a mo kaya fa e le kgosi e neng e le tlhaga, a le pelotelele mo tirong ya gagwe mme a re o lebela Kgosi Magapatona jaaka mogolowe ka a mo rutile tiro ya bogosi.
Kgosi Masunga a re Kgosi Magapatona o na le dingwaga di le masome a mararo go ya kwa godimo a ntse a dira jaaka kgosi e e tlotlegang gape o ne a re ba tlaa nna ba itela mo go Kgosi Magapatona fa ba bonang ba tlhoka thuso ya gagwe teng.
O ne a balolola ditiro tse dintle tse Kgosi Magapatona a di diretseng lefatshe la Botswana Mme Kgosi Masunga o ne a re Kgosi Magapatona a tsweledise tiro ya gagwe ka dinako tsotlhe.
Fa a leboga setshaba, Kgosi Magapatona o ne a re o itemogetse gore o na le setshaba se se kgathalang gape se na le lorato o ne a re monyetla o a dirileng e le kgosi e ne e le o o sa lebalesegeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Setshege Muzila
Location : TUTUME
Event : Moletlo
Date : 07 Dec 2015






