Breaking News

Dikokelwana di tlaa apeela bana

07 Dec 2015

Metse e e mo kgaolo potlana ya Tutume e e akaretsang Goshwe, Matsitama, Senete, Kutamogoree le Manxotai ke mengwe e go lemogilweng fa e na le dipalo tse di kwa godimo tsa bana ba ba tlhaelang dikotla.

Mogolwane wa lephata la botsogo la kgaolo ya Tutume, Rre Ikko Sebilo o buile jalo kwa phuthegong ya khansele potlana ya Tutume ka Laboraro. A re bana bao ba tlaa thusiwa ka thulaganyo ya go apeela bana ba ba tlhokang dikotla dijo kwa dikokelwaneng.

O bolela fa seo e le thulaganyo ya puso morago ga go lemoga gore bana ba phaka dijo fa ba isitswe sekaleng mme maduo ga a bonale bokete jwa bone bo nna bo ya kwa tlase, ka jalo ka thulaganyo eo go tlaa bo go lebelelwa kgolo ya ngwana le bokete jwa gagwe.

O ne gape a bolela fa seelo se ba neng ba se ipeetse sa gore borre ba bo ba arilwe loaro lo lo babalesegileng sa batho ba ba 3 500 ba le kgakala le sone ka mo nakong ya gompieno go setse go rotse kepese borre ba le makgolo mabedi le masome a matlhano le bosupa.

A re ka go lemoga fa borre ba santse ba goga maoto mo go direng loaro loo, ba tlaa bolotsa letsholo la go rotloetsa borre go dira loaro Sedimonthole a tlhola malatsi a matlhano kwa Tutume, ka jalo a kopa makhanselara go rotloetsa borre go tla go dira loaro.

Rre Sebilo o ne a bolela fa ba tshwere bothata jwa bomme ba ba tsenang mo lenaneong la thibelo mogare go tswa kwa go mmangwana go ya kwa loseeng (PMTCT) mme e re morago ga pelegi ba tsene ka lenga la seloko ba sa tsweledise go bona gore mogare ga o a ka wa ama ngwana gore fa a amegile a kgone go bona thuso nako e sale teng.

A re mokgwa oo o holodisa maiteko a puso a go lwantsha kanamo ya mogare le bolwetse jwa AIDS.

O tlhalositse fa lephata le tsere tshwetso ya go thapa baithaopi ba ba yang tla go sala morago batho ba go nna jalo go leka go boloko matshelo a masea.

E rile fa ba akgela, makhanselara a kopa puso go diragatsa molao wa tlhokomelo ya bana. Mokhanselara wa Dukwi, RreThatayaone Kehitile a re go na le bomme ba ba tsogelang bojalweng ka masea ba tlhole koo ngwana a se na se a se jang mo ba bangwe ba felelang ba ba siela dino. Rre Kehitile a re seo ke sone se se dirang gore bana ba tlhoke dikotla, a gwetlha puso go gagamaletsa batho ba go nna jalo setoropo.

Mokhanselara wa Sowa, Rre Ntebalang John o ne a lebogela lenaneo la go gasa matlo ka molemo o o bolayang montsana, a re le dira sentle ka batho ba ba nnang kwa merakeng le bone ba ne ba thusiwa.

Rre John o ne a ngongorega ka tlhaelo ya dijo tsa mophako kwa kokelwaneng  ya Sowa, a re kokelwana eo e thusa batho ba meraka e e dikologileng toropo, ka jalo go tlhoka dijo go baya bana ba meraka eo ka fa mosing ka ba felela ba tlhoka dikotla mo mmeleng.

Makhanselara ka bontsi ba ne ba ngongorega ka thulaganyo ya go thusa ba-na-le bogole, ba re bangwe batho ba go nna jalo ga ba a thusiwa le go sekasekwa tota ga go a dirwa. Ba kopa ba ba lebaneng go ikopanya le baeteledipele ba motse ka ke bone ba ba itseng batho ba go nna jalo botoka.

Rre Sebilo o ne a tlhalosa fa ba ikaeletse go thusa mongwe le mongwe yo o tshwanelwang ke lenaneo leo. A re ba ba saletseng morago ba ofisi ya boipelego ba tlaa leka go ba sekaseka go bona gore ba wela mo thulaganyong  eo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Phuthego ya khansele

Date : 07 Dec 2015