Breaking News

Lekgotla la kabo ditsha le leboga badiri

07 Dec 2015



Ba lekgotla la kabo ditsha la Kweneng, le le dirwang ke makgotlana a kabo ditsha a Motokwe, Letlhakeng, Lentsweletau, Lephepe, Thamaga, Molepolole le Mogoditshane ba ne ba tshwere moletlo wa kabo dietsele, go leboga bao ba ba dirileng ka manontlhotlho ka ngwaga wa 2014/15.

Erile a amogela baeng kwa moletlong oo, modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Kweneng, Rre Moemedi Babitseng, a re maikaelelo  ke go rotloetsa bao ba ba dirileng sentle go tswelela  ba dira ka natla go feta fa, le gone go rotloetsa bao ba ba sa dirang sentle go iteka mo nakong e e tlang.

Mokwaledi wa lekgotla leo Rre Vincent Sekano o ne a supa fa lekgotla la kabo ditsha la Kweneng le dule ka maduo a a botoka mo ngwageng e e fetileng, le ntswa ba ne ba kgalelwa tshenyetso setshaba le go dira madiadia mo go ntsheng ditirelo.

Rre Sekano o supile fa maduo a bone a tokafetse thata ka ntlha ya bodiredi jo bo leng teng, a bo a rotloetsa bao ba ba sa tsayang dietsele go iteka ngwaga e e tlang.

O supile gape fa setlhopha sa bone sa kgwele ya dinao se ne se dirile sentle, mme sa felela se ya go ba emela kwa lefatsheng la Lesotho, kwa se neng sa tla ka maemo a boraro.

Mokwaledi wa khansele ya Kweneng Rre Wazha Tema, o ne a rolela ba lekgotla la Kweneng hutshe go bo ba dira ka natla, o ne a supa fa lekgotla leo e le lone le le abang ditsha, mme go ne go ka nna molemo fa ba ka itse matlhoki a ba ba neelang ditirelo ka jaana a farologana.                                           

O ne a kopa bodiredi jwa kabo ditsha go bala le gone go ithuta ka maranyane a segompieno ka jaana bao ba ba fang ditirelo e le batho ba segompieno ba ba rutegileng . O ba kopile gape go tokafatsa thata ditirelo tsa bone le go fokotsa ditshenyegelo.                                                                                                                                 

O ba kopile gape gore fa ba sena go neela batho lefatshe ba batlisise gore lefatshe leo le solegetse batho bao molemo go le kae, le tlhametse batho ditiro ba le kae le gone gore le dira dipoelo go le kae. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : KUMAKWANE

Event : Moletlo

Date : 07 Dec 2015