Breaking News

Wa o esi ga o ele

07 Dec 2015

Ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Amogelang Mojuta o rotloeditse Batswana go tlhama dikgwebo ba ikopantse go na le fa ba ikemetse ka bonosi ka seo se ka ba direla dipoelo tse di botoka. 

O buile se ko pulong semmuso ya marekisetso a Saverite kwa Distance mo Selebi Phikwe.

Rre Mojuta o ne a tswelela ka go tlhalosa fa kwelotlase ya dikgwebo tsa bangwe Batswana di bakiwa ke gore go le gantsi ba ikaelela go dira dikgwebo ba le nosi ka jalo seo se dira gore ba seka ba tswelela pele mo kgwebong.

O ne a rotloetsa boradikgwebo go ipetapelo le gore ba seka ba tshaba go tsaya ditshwetso ka go dirajalo go tlaa ba sologela molemo.

Mo godimo ga moo, o ne a gwetlha Batswana go anya botsipa ja go tsosolosa dikoporase tsa bone, gore nako nngwe go bo go bulwa kgwebo ya mofuta oo e le ya Motswana.

Rre Mujuta o ne gakolola badiri ba ba thapilweng mo marekisetsong ao go itshokela tiro le go ikgapha mo go senyeng mo tirong le go fa baji-bareki lorato gore kgwebo e atlege e tokafatse matshelo a bone. 

Rre Mojuta o ne a wetsa ka go akgola ba Saverite go tsenya sekole se se botlana sa Boswelakgomo ka fa tlase ga diphuka tsa bone ka seo ke tsela nngwe ya go imolola puso morwalo ka puso e lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya madi mme e bile se tlaa tokafatsa seemo sa thuto mo kgaolong.

Mothusa moeteledipele wa Business Botswana mo bokone Rre Palalani Moitlhobogi, o ne a leboga ba Saverite go bula marekisetso mo kgaolong eo ka seo se tlaa tlhabolola itsholelo ya kgaolo. 

Mookamedi wa Saverite Rre Uday Katreddy o tlhalositse fa maikaelelo a kgwebo ya bone e le go thusa go tlhamela Batswana ditiro. 

A re kgwebo ya  bone e kgonne go tlhamela badiri ba le 30 mmereko mo lebenkeleng le le neng le bulwa. 

O tlhalositse gore mo Selebi Phikwe ka kakaretso ba hirile batho ba le masome a ferabongwe, mme kompone ya bone e diretse Batswana ba le makgolo a mabedi ditiro. 

Rre Katredddy o ne a tlhalosa gore ba ikaeletse go bula marekisetso a mangwe kwa Lerala le Bobonong. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Galaletsang Molelekwa

Location : Selebi Phikwe

Event : Pulo Semmuso

Date : 07 Dec 2015