Breaking News

Go inyadisa ga se ngwao

07 Dec 2015

Modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi Kgosi Puso o gakolotse banana ba lefatshe leno go emisa mokgwa wa go ikaba kgotsa go inyadisa. 

A re seo ga se ngwao ya Setswana kgotsa molao motheo wa Modimo. 

O buile seo mo ipelelong ngwao ya Setswana mo toropong ya Selebi Phikwe ka Matlhatso.

A re banana bangwe ba tsaya mokgwa wa go inyadisa mo batsading ka batsadi bangwe ba letlelela seo go diragala.  

Gape a re batsadi ba bangwe ga ba fe bana kgakololo e e lolameng mabapi le tsa marato le lenyalo. 

A re seo se na le dikgwetlho ka go ka baka dipolaano tsa baratani le go kgokgontshiwa kgotsa malwetse.

Kgosi Puso o ne gape a supa banana ka monwana  a tlhalosa gore ba bangwe ba gola ba sa reetse kgakololo ya botsadi fa ba bangwe ba sa dirise kgalemo e ba e bewang pele ke botsadi.

Kgosi o ne a supa gore go tlotla meila le mekgwa ya ngwao ya Setswana go ka faposa batho mo go tsotlhe tse di bosula ka mo nakong ya gompieno setshaba se bolawa ke go ‘kopa’ dingwao tsa ditshaba di sele.

O ne gape a tlhalosa gore ngwao e ka bopaganya setshaba ka jaana mo toropong ya Selebi Phikwe e le makgatlhanathapong ya merafe ka go farologana ga Botswana mme go rutana le go amogana dikitso go ka se lebatse setshaba gore ke bo mang.

Fa a tswelela o ne a re ka fa go aparwang ka teng, teme  le kapei, go supa fa Setswana se nyelela ka ga di na tatso mme seo se dirwa ke gore setshaba se latlha ngwao le mekgwa ya setso.

O ne a tlhalosa gore ngwao e ka thusa go kabakanya itsholelelo mme seo sa tokafatsa seemo sa botshelo jaaka ba ditshaba tse dingwe ba dirisa dingwao tsa bone go ithekisa mo mafatsheng ka go farologana. 

A tlhalosa gore seo se ka kgonagala ka go ikopanya le ba lephata la bojanala.

Fa a ntsha la gagwe mothusa ratoropo Rre Pilane Molefhi a re, moletlo o o ne o diretswe go kopanya setshaba go sa kgathalesege gore motho o tswa fa kae mo Botswana. 

A re maikaelelo ke go ruta banana ngwao ka mo ditoropong e tsena ka motlhobodika.

O ne a supa fa ngwao ya Setswana e le bophara mme e tshwanetse go tshegetswa ka tshaba e senang ngwao e a bo e latlhegile mme go tlhabolola ngwao go ka tlhamela batho mebereko e e ka ba ntshang mo lehumeng.

O ne a akgolela banana ba toropo ya Selebi Phikwe go bo ba sa ipona tsapa ka go dira moletlo wa mofuta oo ka ngwao mo bananeng e sa tlhole e na le boleng ka jaana basadi mo ditoropong ba tsena mo kgotleng ka borekgwe fa borre ba sa apare dibaki go tlotla kgotla.

Rre Poloko Moloise yo e leng modulasetilo wa Phikwe Cultural Group a re setlhopha sa bone ke sa banana ba le masome a mararo mme bontsi jwa bone ba ipereka ka go dira le go rekisa didirisiwa tsa setso jaaka dilo tse di logilweng ka diatla, le tse di dirilweng ka matlalo, le tse dingwe tsa ngwao.

A re maikaelelo a bone ke go tsosolosa ngwao le go dira moletlo wa mofuta o ngwaga le ngwaga ka bodiragatsi bo faposa banana mo ditirong tsa botlhokatsebe tse di ka ba senyetsang isago.

 

O ne a kopa thotloetso kwa go ba lephata la banana, metshameko le ngwao le bagwebi ka seo se ka thusa fela thata go somarela le go tlotla ngwao ya Setswana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaone Busang

Location : Selebi Phikwe

Event : Ipelelo Ngwao

Date : 07 Dec 2015