Lekgotla la Baruti le supa kutlwelobothoko
04 Dec 2015
Ba lekgotla la dikereke mo Kanye ba abetse Rre Kgosietsile Segolobe yo o nang le bogole kolotsana (wheel chair).
Erile a mo neela mpho eo, mothusa Kgosi Kgolo ya Bangwaketse Kgosi Kebapetse Telekelo a re kolotsana eo e tlaa thusa Rre Segolobe gore a kgone go itsamaisa ka gore o ntse a sokola.
A re o leboga ba lekgotla la dikereke fela thata, ka e le bone baeteledipele ba morafe, a re ka jalo ditiro tse dintle di tshwanetse go bonwa mo go bone, kgosi a re go lesego letsogo le le abang go na le le le amogelang mme a ba kgothatsa go tswelea fela jalo.
Fa a amogela mpho eo Rre Segolobe o ne a lebogela mpho eo thata, gammogo le ba ba mo thusitseng ka yone.
Tiro eo ya go abela Rre Segolobe e ne e tshwaretswe kwa kgotleng kgolo ya Bangwaketse mosong wa Labobedi e tshwaragane le ya go rapelela pula le segajaja sa bolwetse jwa AIDS.
Tiro ya merapelo eo e ne e eteletswepele ke Bishop Walebatla Radipitse wa kereke ya Jacob's Ladder Church, mme a kgothatsa morafe go rapelela pula ka tlhwaafalo gore e tle e ne ba leme dijo di nne teng.
Fa a itebaganya le bolwetse jwa AIDS, Bishop Radipitse a re dipilisi tsa diritibatsi di ka nowa mme se setona ke boikgapho, o kgothaditse bana ba basetsana le ba basimane go ikgapha mo tlhakanelong dikobo pele ga lonyalo, go tila go tlhakanela dikobo le batho ba bantsi mo go felelang go ba tsenya mogare wa HIV, o gateletse gore fa batho ba batla go tshela ka kagiso ba ile bosula.
Ene erile go le pele molomaganya ditirelo tsa bolwetse jwa AIDS mo kgaolong ya Borwa Mme Basadibotlhe Lebogang a re go botlhokwa gore batho ba tswelele ka go tsaya molaetsa wa bolwetse jwa AIDS ka gore dilo di a fetoga tse di amanang le bolwetse jo.
Mme Lebogang o kgothaditse batho go dirisa dipilisi tsa diritibatsi, a re pele batho ba ne ba a swa ka bontsi mme gompieno ba swa ka dipalo tse di ko tlase ka gore dipilisi tsa diritibatsi di teng ebile batho ba a di dirisa.
O gateletse gore bolwetse jo ga bo na kalafi ke diritibatsi fela tse di nonotshang masole a mmele gore a ye ko godimo mme motho a tshele ka boleele, a gatelela ka gore dipilisi tse di ritibatsa mogare fela gore o ye ko tlase.
Mme Lebogang o tlhaloseditse morafe ka lenaneo la Tripple 90 a re le setse le gorogile mo Kanye mme a kgothatsa batho go le dirisa a tlhalosa fa le rotloediwa ke ma Amerika.
E rile a leboga Bishop Koolopile Pema e bile e le modulasetilo wa lekgotla la baruti mo Kanye, a tlhalosa gore e le ba lekgotla la dikereke mo Kanye ba dule ka mogopolo wa gore kereke nngwe le nngwe e tsene mo motsing go bona ba-na-le bogole le batho ba ba nang le botlhoki mme ba begele komiti gore lekgotla le ba thuse fa le kgonang teng a re moono ke gore dikereke di bopagane.Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : Kanye
Event : Kabo dimpho
Date : 04 Dec 2015






