Breaking News

SELEBO e itlama go thusa ba-nale-bogole

04 Dec 2015

Ba kgaolwana ya SELEBO mo Selebi Phikwe ba ne ba abela dikole tsa Joseph Anderson, St Peters go tswa Mmadinare le sa Lepokole dimpho di akaretsa didirisiwa tsa go roka,go tlhapa le tsa thuto.

Go ya ka Mme Evelyn Thomas, ba ne ba bona go le botlhokwa go abela dikolo tseo ka di na le bana ba ba nang le bogole ka go supafetse ba tlhoka didirisiwa tse di ka ba kgontshang gore ba kgone go ithuta sentle.

Mme Thomas a re ba aba jaana ba lebile matshego mangwe a tebelopele jaaka la tshaba e e rutegileng, tshaba e e bopaganeng e bile e le kutlwelobotlhoko.

Mme Thomas o tlhalositse fa go ne go se motlhofo go bo ba fitlhile fa ba leng teng, a re dimpho tse ba di abelang bana di ka tswa di le dinnye ka tebo ya matlho mme tiro ya tsone e le kwa godimo.

O tsweletse a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go abela dikole tsotlhe tse di mo kgaolong ya SELEBO mme ba itebagantse le go aga bana gore ba gole ba na le lorato, le go itse gore go abela motho yo mongwe go botlhoka.

Mme Thomas a re didirisiwa tsa go tshameka tse di abetsweng bana ba sekole sa Lepokole di tlaa ba thusa go ithuta le go ba bula ditlhaloganyo.

Modulasetilo wa komiti ya barutabana le batsadi kwa sekoleng sa Lapologang Rre Segale Mogale o tlhalositse fa e se lantlha ba SELEBO ba abela bana dimpho mme ba dira jalo ka madi a a tswang mo dipateng tsa bone.

Go ya ka Rre Mogale maiteko a ba SELEBO a tlhoka go iteelwa legofi ka go lebega ba gatetse pele ka maikaelelo a bone. O ne a kgothatsa batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana ba bone ka puso e ka se kgone e le nosi.

Rre Segale o kgothaditse bana le barutabana ba ba abetsweng dimpho go di tlhokomela  gore di tle di ba tswele mosola. Kwa bokhutlong Rre Mogale a re tsholofelo ke gore dikole tse di abetsweng didirisiwa tseo di ntshe maduo a a bonalang mo nakong e e tlang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Selebi Phikwe

Event : Kabo dimpho

Date : 04 Dec 2015