Breaking News

Pitso o inosa nkgo ka go thuba mantswe

03 Dec 2015

E le ruri Motswana o buile fa a re motlhophantsi ke yo o kgorang. Se se supilwe ke Rre Mere Pitso yo o itshetsang ka go thuba mantswe kwa Samedupi a a dirisiwang mo go tsa kago.

Mo potsolotsong bosheng le ba BOPA, Rre Pitso o kaile fa go dira ka natla le go sa tlhopha ditiro go mo ntshitse mo lehumeng le a kileng a bo a le mo go lone.

“Ke kile ka bo ke jesiwa jaaka ngwana yo monnye le bongwanake, mme morago ka bona fa ke tshwanetse go ititaya ka thupana go fetola botshelo ja me,” a tlhalosa.

Rre Pitso yo o dingwaga di masome mane le botlhano, yo o tlholegang mo kgotleng ya Mabudutsa mo Maun o ne a supa fa seemo se ne sa mo pateletsa go fudugela kwa Samedupi.
 E rile a le foo a bona mantswe fa thoko ga noka mme a tsaya tshwetso ya gore botshelo bo mo mantsweng a.

A re o ne a simolola go thuba majwe ka ngwaga wa 2003, mme a bona fa kgwebo e tswelela sentle, a felela a e kwadisitse ka leina la Kotopikotopi.
Leina le a re le supa fa go kotlopisa kgotsa go kgobokanya se o nang le sone go ka dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa motho.

O tsweletse ka go tlhalosa fa a rekisa kiribane e le nngwe dipula tse masome a mabedi le botlhano, fa koloi e kgolwane e le makgolo a marataro a dipula.
A supa fa bareki ba gagwe bontsi e le ba ba tswang Maun.

Tiro e kgolo e, o e kgona ka go dirisa hamole e a saleng a e rekile fa e sale a simolola kgwebo ya gagwe, digalase tse di sireletsang matlho le diatlana.

Go supa fa kgwebo e e ne e na le letseno ka Rre Pitso a ne a felela a reka dikgomo le dipodi, tse gompieno di atileng e bile a ka bidiwa morui. Go sa felele foo, o kaile fa a tsenya bana ba gagwe sekole ka one madi a go thuba mantswe.

E re le fa go ntse jalo, Rre Pitso ga a jesiwe diwelang ke letlhoko la sepalamo se a ka isang mantswe a a rekiwang ke batho.
 Se se bake gore bareki ba dirise ba ba nang le setsholo.

O kaile fa ka ngwaga wa 2005 a ne a kopa dithuso kwa go ba CEDA mme a itaya se fololetse ka ntlha ya ditsetlana dingwe tse di ne di tlhokafala. Mme ka a ne a sena setsha le fa e le yone kgomo a seka a atlega.

A re ka jaanong dikgomo di le teng o eletsa go boela kwa go ba CEDA go atolosa kgwebo ya gagwe. Se se ka mo baya mo seemong sa go thapa badiri ba ba ka mo thusang le go fokotsa letlhoko la ditiro.

Rre Pitso o kgothatsa bao ba ba ntseng mo malwapeng ba sa dire sepe go ikemela ka dinao ba dira sengwe se ba ka se kgonang go itshetsa.

A tswelela ka gore batho ba emise go tlhaola ditiro. O rotloeditse le bao ba ba leng mo dikgwebong tse dipotlana go nna pelotelele le lorato mo dikgwebong tsa bone ka go ka ba ntsha mo lehumeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gofenyaone Gabosenkwe

Location : Samedupe

Event : Potsolotso

Date : 03 Dec 2015