Temo e hepa Malela
02 Dec 2015
Go tswa goo lowe Batswana ba itsege thata ka go baya matshelo a bone mo mohameng wa temo-thuo.
Mme le jaana go santse go na le bangwe Batswana ba ba tshegeditseng serodumo se, le puso ya lefatshe leno e ba eme nokeng ka mananeo a a farologaneng a temo e le tsela nngwe ya go leka gore Batswana ba itlhotlhore lehuma la nta ya tlhogo.
Mongwe wa Batswana ba ba santseng ba inaankantse le tsa temo ke Rre Mosweu Malela yo o dingwaga tse di masome a supa le boferabobedi.
Rre Malela yo o tlholegang kwa Mogorosi mo kgaolong ya Legare, o boletse mo potsolotsong le BOPA bosheng gore fa a sale a tsaya temo-thuo jaaka seikokotlelo sa botshelo jwa gagwe le ba lelwapa ka ngwaga wa 1966 mme le jaana a santse a ikaegile ka yone.
A tswelela a bolela fa ka nako eo ba ne ba dirisa dikgomo kgotsa ditonki go lema masimo e bile ba ne ba lemela go itshetsa fela mo lwapeng.
“E ne e re fa o sena didirisiwa tsa temo o ikgolaganye le ba ba nang le tsone, o ba tshwarela mogoma mme e re fa ba fetsa go lema masimo a bone ba go beele tema gore le wena o tle o kgone go ora wa mariga molelo,” ga tlhalosa Rre Malela.
A re se e ne e le tirisano mmogo e e agileng tshaba eno.
Molemi-morui yo a re fa dingwaga di ntse di tsamaya puso ya ba tswa tema ka mananeo a temo-thuo a a akaretsang ISPAAD e le tsela nngwe go ba tlhatlosa fa ba ntseng ba le teng mo temong.
A re ka ene le ba lelwapa ba ne ba na le lenyora le lentsi mo mererong ya tsa temo-thuo, se ya nna lesego le legolo mo go bone ka jaana go ne ga ba dira gore ba tie moko le go feta go lema ditema di le mmalwa go na le tse ba ntseng ba di lema.
Rre Malela o boletse fa ba simolotse ba lema ditema di le pedi fela mme e ne ya re lenaneo la ISPAAD le simolodisiwa ba lema tse nne.
A re ditema tseo di ne di ba fa thobo e e nametsang mme ba simolola ka iketlo go nna ba rekisa bontlha bongwe jwa thobo e ba e boneng morago ga paka nngwe le nngwe ya temo.
“Go rekisa bontlha bongwe ja thobo e re neng re e bona paka nngwe le nngwe go re tlodisitse dinokana di tletse ka jaana re ne re kgona go thiba tse dingwe tsa botshelo ka letseno le re le boneng,” a bua jalo.
O tladitse ka gore ba ne ba lema mehuta yotlhe ya dijalo di akaretsa sika loo nawa, mmidi mabele, magapu le ntshe.
Rre Malela o tlhalositse gape fa lenaneo la go rekisetsa dikole letlhafula le mo solegetse molemo thata ka a re ke mongwe wa ba ba le akotseng e bile a re o itlama gore a tswelele a le sole molemo.
Se se kgatlhisang ke gore fa go lemilwe kgotsa e se paka ya temo bontsi jwa sebaka Malela le ba lwapa la gagwe ba nna kwa masimo go na le kwa legaeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mariam Onyafetse
Location : Mogorosi
Event : Potsolotso
Date : 02 Dec 2015






