Makhansalara ba batla setimamolelo
02 Dec 2015
Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba a re go botlhokwa thata gore go nne le setima molelo mo kgaolong ya bone go thusa mo diemong tsa tlhagogo ya melelo.
Ba re go tlhoka setima molelo, go baya kgaolo ya bone ka fa mosing ka jaana fa go tlhagoga molelo mo dikagong dingwe kgotsa madirelo, go felela go nna le tshenyo e e seng kana ka sepe, e e ka bong e ne ya laolesega fa go na le setima molelo mo kgaolong.
Makhanselara a re go ngomola pelo go bo kgaolo ya bone e bo e santse e ikaegile ka ditima molelo go tswa kwa toropong ya Francistown le Tutume.
Ba buile jalo fa ba akgela mo mafokong a modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, Mme Florah Mpetsane kgwedi eno e le lesome le boferabongwe, morago ga a sena go ba lekodisa ka tiragalo e mo go yone boloko jwa mantlwana a le mabedi a borutelo a sekole se sebotlana sa Letsholathebe a neng a jewa ke molelo kgwedi eno e le boferabongwe.
Modulasetilo o ne a itsise makhanselara fa go ise go itsewe se se ka tswang se bakile molelo oo, fela ka lesego go sa nna le dikgobalo dipe.
Mabapi le tiragalo eo, go ne ga kuelwa mokgosi ditima molelo tsa Francistown le Tutume mme ka ntlha ya sekgala sa go tswa kwa mafelong ao, balwantshi ba molelo ba fitlhela matlwana ao le dithoto tse di neng di le mo teng go setse go ile fela jalo ka tsone.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Tshesebe, Rre Smarts Mathonsi a re tiragalo eo, e tshwanetse ya bula khansele matlho mme ya itsolopanya, go ipaakanyetsa seemo sa go tshwana le seo.
Mokhanselara Mathonsi a re le fa gone go ka seke go agiwe kampa ya setima molelo, fela ke nako ya gore go dirwe thulaganyo ya gore go nne le koloi ya setima molelo mo khanseleng go nna e le malala a laotswe, e letile seemo sa go nna jalo.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Masunga a re go tshwanetse ga dirwa gotlhe mo go ka kgonegang go leka go babalela matshelo a bana mo dikoleng, a re le tsone ditsompelo tse di tlhagisang ka melelo (fire sensors) di tshwanetse tsa tlhomiwa mo dikoleng go tsibosa batho ka molelo nako e sale teng.
E ntse e le mo phuthegong ya khansele, leloko lengwe la lekoko la Ya Tsie, le le itebagantseng le twantsho ya bolwetsi jwa HIV/AIDS, Dr Mompati Mmalane o ne a lekodisa makhanselara ka seemo sa bolwetsi joo mo lefatsheng leno ka bophara, a re ditshekatsheko di supa fa go santse go na le ditiragalo tse di sha tsa batho ba ba tsenwang ke mogare.
Dr Mmalane a re ka jalo puso e tsweletse ka go dirisa didikadike tsa madi mo ntweng kgatlhanong le HIV/AIDS, a tlhalosa fa madi ao a ka bo a dirisiwa mo ditlhabololong tse dingwe tse di santseng di saletse kwa morago.Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Gaborone
Event : Bokopano jwa khansele
Date : 02 Dec 2015






